Tshenyo ya dipompo kwa Letlhakeng e a tshwenya
25 Oct 2015
Mongwe wa bagolwane ba koporase ya metsi ya Water Utilities kwa Molepolole, Rre Kgotla Rapitsenyane, a re ba tshwentswe thata ke tshenyo e e kwa godimo ya dipompo tse di nosang setshaba mo metseng mengwe ya kgaolo-potlana ya Letlhakeng.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Tshwaane le Dutlwe bosheng, Rre Rapitsenyane a tlhalosa fa ba itemogela tshenyo e ntsi kwa Ditshegwane ka a re ba setse ba dirisitse madi a a ka fetang P48 000 go baakanya tshenyo mo motseng oo fela o le nosi.
O ne a kaela banni bao gore tshenyo e e kgoreletsa maitlamo a bone a go nosa setshaba ka jaana ba baakanya dipompo tseo kgapetsakgapetsa e bile ba dirisa madimadi mme a supa fa seo e le poelo morago.
O tladitse ka go tlhalosa gore go baakanya pompo e le nngwe fela go ba lopa madi a a ka fetang P6500.
Rre Rapitsenyane a re gantsi metse e e bakang tshenyo e ntsi ya dipompo tsa setshaba e itemogela tlhaelo e e kwa godimo ya metsi, mme a re se se bakiwa ke gore metsi a a tshwanetseng go bo a nosa setshaba a senyega ka bontsi.
Ka jalo a kaela setshaba gore pele ga ba kgala kompone ya Water Utilities ka seemo sa tlhaelo ya metsi mo metseng ya bone le bone ba itshekatsheke go bona gore seabe sa bone ke eng mo tlhaelong e.
A re ba tshwenyegile thata ka a re tshenyo eo go lebega e dirilwe ka bomo, mme fela a lemotsha setshaba gore go dira jalo ke molato e bile motho fa a ka tshwarwa a dira jalo o ka lefisiwa madi a a ka tshwarang P5 000.
E ne ya re ba tswa la bone banni ba kgala tsamaiso ya koporase ya metsi.
Mme Ratanang Sengawane wa Dutlwe o supile bodiredi jwa Water Utlities ka monwana a re ga ba na morero o o nitameng, o supile gore nako le nako fa ba ikuela ka tlhaelo ya metsi ga ba tsiboge,mme a kaya seo e le tsamaiso e e lolea.
RreOmphemetse Koboyatshwene ene, o ne a supa fa dipampitshana tsa dituelo tsa tiriso ya metsi di tla morago ga lebaka mme a tlhalosa gape gore nako e nngwe motho o kgona go tlhalosediwa gore leina la gagwe ga le yo mo dibalamakgolong, mme a supa fa seo se baka gore morafe o nne le melala ya dikoloto mme e re morago batho ba go nna jalo ba kgaolelwe metsi.
Banni ba ne gape ba supa fa ba kokonelwa thata ke ditlhwatlhwa tse di ko godimo tsa metsi, mme ba tlhalosa fa ba setse ba tshaba go dirisa metsi selo se ba supang se ba utlwisa botlhoko ka ba palelwa ke go dira ditiro tsa bone ka tshosologo.
E ne ya re a araba dilelo tsa banni, Rre Rapitsenyane a bolela fa dituelo tsa metsi di dirwa ke mabaka ka go farologana, a ntsha sekai sa gore bangwe ba dirisa metsi a go nosa leruo, a re bangwe le fa dipompo di dutlisa metsi ga ba ba begele.
A re ka mabaka a dituelo di tsholetsega thata.
O ne a amogela gore e le ruri dipampitshana tsa dituelo tsa tiriso ya metsi di goroga morago ga nako kwa morafeng, mme fela a ba tlhalosetsa gore ba dirile tumalano le ba diposo gore ba tseye boikarabelo jwa go phatlalatsa dipampitshana tse kwa setshabeng mme a supa gore nako nngwe go lebega di sa goroge mme a solofetsa fa ba tlaa baakanya seemo.
E ne ya re a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi a gakolola ba Water Utlilities go dirisana sentle le morafe le go ba rerisa fa ba na le kgwetlho e e ka ba paledisang go tsibogela seemo sa tlhaelo ya metsi, a supa fa seo e le thulaganyo e e tsepameng e e ka agang botsalano magare ga bone le setshaba.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Oct 2015






