Lemphorwana la bojalwa ga le fofe
25 Oct 2015
Mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse, o kgalemeletse banana go ineela mo bojalweng.
A re bojalwa bo ka kgoreletsa botshelo jwa bone. O kgalemile jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Serule le Topisi.
Rre Autlwetse, yo e bileng e le mothusa tona wa temo-thuo, o ne a tlhalosa fa bojalwa bo se na ape maduo a motho a ka a supang.
Mo go tse dingwe, a re puso e tsere tshwetso ya gore ditiro tsotlhe tse di neng di saletse kwa morago di akaretsa tlhabololo ya dikole le dikago tsa boroko jwa badirelapuso di tlaa bo di dirilwe pele ga ngwaga wa madi o ya bokhutlong.
Rre Autlwetse o ne a kopa banana go nna malala a laotswe ka madirelo a ditiro tsa diatla gore e tle e re fa ditiro tsa go nna jalo di tswa e bo e nna bangwe ba banana ba ba tlaa bong ba dira ditiro tseo ka e bile melao mengwe e tlhofofaditswe jaaka wa sebaka sa go aba ditiro tse di ikopetsweng.
Mopalamente o kgothaditse banana go tsena mo dikoleng tsa ithutelo ditiro tsa diatla ka go lebega e le tsone tse di ka dirang gore motho a kgone go ijesa le go tlhama ditiro, a tlhalosa fa go na le dikakanyo tsa go bula moepo fa gare ga Gojwane le Serule. A re se se raya gore go tsile go thapiwa ba ba itseng ditiro tse di farologaneng tsa diatla.
Mothusa tona o ne a tlhalosa gore bontsi jwa batho ba ba berekang Ipelegeng ke banana mme se se raya gore ba tsile go bona ditiro.
Rre Autlwetse o tlhalositse fa matlhabelo a Lobatse a ne a gomagomediwa ke go tswalwa ka a ne a sa dire dipoelo mme ka go lemoga fa Batswana ba le bantsi ba ka latlhegelwa ke ditiro, puso e ne ya itlama go ntsha P300 million go a busetsa mo seemong.
Mopalamente o tlhalositse fa dingwe tsa dikgwetlho tse di neng tsa dira gore matlhabelo a bo a sa dire dipoelo e le lekgetho le le neng le kwa godimo la lesome le botlhano mo lekgolong mme puso e tsere tshwetso ya gore barui ba ituelele lekgetho la selekanyo sa bone mo lekgolong.
E rile a tsibogela dikgang tsa bogodu jwa leruo, ramapodise wa Serule, Superintendent Lesole Mosimane a tlhalosa fa go se na se ba ka se kgonang kwa ntle ga tshwaragano ya bone le morafe.
A re borukutlhi bo dirwa ke beng-gae.
Superintendent Basimane a re majalwa a a apewang kwa Topisi ke one a rotloetsang botlhoka tsebe jo bo feteletseng.
A re batsadi ba itse batho ba ba senyang mo motseng, mme ba bipa mpa ka mabele.
Superintendent Mosimane a re o itlamile go bereka bosigo le motshegare go lwantsha bogodu jwa loruo.
A re gore ba kgone ke gore ba bo ba ka kgona go tshwara mongwe wa ba ba rotloetsang bana go dira borukutlhi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : TOPISI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Oct 2015






