Breaking News

Mananeo a ka thusa go tokafatsa itsholelo

25 Oct 2015

Mananeo a nyeletso lehuma a ka thusa go tokafatsa  itsholelo mo malwapeng a mantsi fa a dirisiwa ka fa tshwanelong.

Monana mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe wa Mathangwane, Mme Ipeleng Zibani ke mongwe wa ba ba dumelang fa mananeo a a ka ba isa golo gongwe mo botshelong.

Mo potsolotsong bosheng, Mme Zibani o ne a tlhalosa fa e ne ya re ka ngwaga wa 2011 a ya go ikwadisetsa lenaneo la dipodi (LIMID) ka a ne a sa bereke.

Mme Zibani o ne a bolela fa selo sengwe gape se se neng sa mo gwetlha gore a ikopele dipodi tse e ne ya nna go bona bangwe ba di filwe mme le ene a nna le keletso ya se ka gape e ne e ntse e le motho yo o ratang leruo.

O tsweletse ka go bolela fa a ne a tlala boitumelo fela thata ka a ne a fiwa dipodi di le lesome le boraro ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Phatwe mme a itse fa se jaanong se tlaa tsisa pharologanyo mo botshelong jwa gagwe le ba lwapa la gagwe mo isagong ka a tlaa rekisa fa di sena go oketsega.

O bile a supa fa a ne a fiwa thuso e ka thelelo go sena dikgoreletsi dipe.

Mme Zibani a re e ne ya re a sena go fiwa dipodi, tse tharo di ne tsa tlhaselwa ke bolwetse mme tsa felela di sule. O ne a tlhalosa fa mo nakong eno di setse di le lesome le boraro gape ka dingwe  di ne tsa tsala.  

O supile gape fa jaanong nako dingwe  go felela go sena fa dipodi di ka fulang teng ka phulo e tshubilwe ke letsatsi mo a felelang a di rekela moroko gore di seka tsa bolawa ke tlala.

Fa a tswelela, Mme Zibani o ne a gwetlha batho gore ba se ka ba nyatsa mananeo a nyeletso lehuma ka a ka tsoga a ba thusa mo botshelong, ka Setswana se re mpha mpha o a lapisa motho o kgonwa ke sa gagwe.

Mme yo o ne a tlatsa ka go supa fa batho ba tshwanetse go itirela go na le go nna ba kopetse ruri a re e bile go ka ba thusa le gore ba nne le seriti.

Monna wa ga Mme Zibani e bong Rre Kagiso Zibani, le ene o ne a tlhalosa fa a ne a ema mosadi wa gagwe nokeng ka nako e a neng a ikopela dipodi tse ka a ne a itse fa di ne di tlaa ba thusa mo lwapeng ka ba sa bereke botlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nkwebi Monyadzwe

Location : MATHANGWANE

Event : Potsolotso

Date : 25 Oct 2015