Dikomiti tsa botsogo di botlhokwa
25 Oct 2015
Dikomiti tsa botsogo mo metseng di botlhokwa ka di ruta batho di bo di ba gakolole ka botsogo jwa bone.
Se se boletswe ke Kgosi Kgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso mo phuthegong ya kgotla kwa Tlokweng. A re makalana a mantsi a ruta ka tsa botsogo le HIV/AIDS mme batho ba tshwanetse go dirisana le one.
Kgosi Puso o boletse fa lekalana la BRNAS le itebagantse le tlhokomelo ya balwetse ba HIV/AIDS, go ruta batho go ikgapha le go iphemela mme e le mokgatlho o o tlhamilweng ke bomme ba itebagantse le thibelo kanamo ya mogare wa HIV/AIDS.
A re bomme ba BRNAS ba ikopela dithuso ka bo bone le go ntsha se ba nang le sone go kgona go thusa batho, mme e le thotloetso gore batho ba rotloetsege go itlhatlhoba ka dipalo tse di kwa godimo ka seo se ka thusa go fema kanamo ya mogare.
O tlhalositse fa puso e le mo letsholong la go fenya mmaba wa HIV/AIDS mme e le boikarabelo jwa setshaba go dirisa mananeo otlhe le mekgatlho yotlhe e e teng ya botsogo gammogo le go buisana le go rotloetsana mo karolong ya tsa bogakolodi.
Kgosi Puso o boletse fa go le botlhokwa go ema nokeng le go rotloetsa makalana otlhe a a tlhamilweng go lwantsha segajaja.
Fa a tswa la gagwe mogolwane wa kgaolo wa tsa botsogo Mme Dimpho Keabonye o boletse fa dipatlisiso di supa fa Botswana a amilwe ke mogare wa HIV, mme kgaolo ya Tlokweng e le nngwe ya dikgaolo tse di mo dipalong, a re dikokelo di le nne tsa Tlokweng go dirilwe thulaganyo ya go di fa dipilisi tsa diritibatsi.
Mme Keabonye o boletse fa tiriso ya lenaneo la thibelo ya mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng e supa fa bomme ba tsaya karolo ka bontsi mo thulaganyong eo, a tlasa ka gore thotloetso ke gore borre ba dire learo la borre ka seo se thusa go sireletsa kgatllhanong le kankere. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Letshelaphala
Location : TLOKWENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Oct 2015






