Letlhoko la metsi le dia ditlhabololo
22 Oct 2015
Banni ba Itholoke mo kgaolong ya botlhophi ya Jwaneng/Mabutsane ba lela ka letlhoko la metsi le motlakase le ba reng le ba itsa go tlhabologa le go akola mananeo a puso.
Ba buile se fa mopalamente wa kgaolo, Rre Shawn Ntlhaile a buisa phuthego kwa motseng oo bosheng.
Ba ne ba lelela mo go mopalamente gore a kope puso gore e ba epele didiba tse di dikologileng motse wa bone gore le bone ba tle ba kgone go itshetsa ka maneno a puso a a duleng jaaka a nyeletso lehuma le masingwana tsa merogo.
Ba re ba tlhola ba bona jaaka mananeo a puso a solegela ba bangwe molemo mo mafelong a mangwe ka jalo le bone ba eletsa gore ba ka nna le metsi gore ba kgone go jesa ba malwapa a bone. Ba re se se ka thusa thata go imolola puso mokgweleo wa go ba tlhokomela.
Ba ne ba boa ba kopa mopalamenete go bua le puso gore e ba tsenyetse motlakase le tsela ka go lemosegile e le tsone tse di okang bagwebi. Ba ne ba bua gape gore keletso ya bone ke gore puso e simolole ditlhabololo mo metsaneng e e saletseng kwa morago jaaka wa bone.
Ba Itholoke ba ne ba ikuela gore kokelwana ya bone e atolosiwe e bo e tsenngwe motlakase le mo matlung a badirelapuso.
E ntse e le mo loetong lwa ga mopalamente, banni na Kutuku ba itumeletse go lekodisiwa ka tsa palamente le ditshwetso tsotlhe tse di tserweng. Ba ne gape ba tlhalosa fa e le boitumelo fela mo dipelong tsa bone ka jaana ka akola mananeo a puso sentle e bile go na le maungo a a nametsang.
Mme le fa go ntse jalo, banni ba ne ba kopa puso gore sekole sa bone se sebotlana se atolosiwe go ya kwa lokwalong lwa bosupa ka jaana sekole se ruta go ema ka lokwalo lwa bobedi.
Ba tlhalosa fa se se ka hema botlhokatsebe ka jaana go ka ba kgontsha go ruta bana boitshwaro jo bontle go na le fa ba kgaogana le bone ba sa le babotlana.
Mopalamente Ntlhaile o ne a tlhalosa fa a tlaa fetisetsa dilelo tsa bone kwa pusong. O ne gape a bua fa a tlaa leka thata go bua le matona gore ba tle go ikutlwela dilelo tsa banni ba kgaolo ya gagwe.
Rre Ntlhaile o ne a bolelela banni fa jaanong ba tlaa tshwanelwa ke go duela lekgetho fa ba isa loruo lwa bone kwa matlhabelong a Botswana Meat Commission. O ne a boa a ba bolelela fa puso e fokotsa ditshenyegelo ka jalo ditirelo dingwe di tlaa nna bonya. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keabetswe Gobatlwamang
Location : Jwaneng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Oct 2015






