Breaking News

Kotsi e gapile botshelo jwa ngwana

22 Oct 2015

Mapodisi a Letlhakane a tlhotlhomisa kotsi e e gapileng botshelo jwa ngwana wa dingwaga tse tlhano.

Mogolwane wa mapodisi a Letlhakane, Superintendent Michael Maphephu a re kotsi e e diragetse bosigo jwa Labobedi (Phalane 20) ka nako ya bosupa mo maitseboeng mo tseleng ya Serowe/Orapa.

Koloi e, ya modiro wa BMW e thuletse bana ba babedi fa makgabaganyong a ba tsamaya ka dinao.  

A re ngwana yo o tlhokafetseng ke mosetsanyana, fa mogolowe wa dingwaga tse di le lesome le boferabobedi a bone dikgobalo tse di neng di bonala mo tlhogong, e bile a robaditswe kwa kokelong ya Letlhakane. 

Superintendent  Maphephu o boletse fa mokgweetsi wa koloi a sa bona dikgobalo dipe tse di masisi e bile  a le mo diatleng tsa mapodisi go thusa ka ditlhotlhomiso. A re mokgweetsi wa koloi eo, o ne a sena setlankana sa go kgweetsa, ka jalo o tlaa lebisiwa melato e e maleba. 

A re mmelaelwa ke monni wa Letlhakane yo o dingwaga di masome a mararo le botlhano. Superintendent Maphephu a re go lebega fa koloi e e ne e tsamaya ka lebelo le le kwa godimo.

Superintendent  Maphephu o kopile bakgweetsi go kgweetsa ka kelelelo ka dinako tsotlhe bogolo thata fa ba le mo ditseleng tse di fa gare ga motse.

A re ba leke ka bojotlhe go obamela matshwao a tsela otlhe, ka gore se ga se be ye ba tsamaya ka dinao fela mo diphatseng, le bone  bakgweetsi ba a amega. 

Mo go kgannyeng e nngwe, mapodisi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone banni ba  Mosu ba neng ba ba begela fa ba belaela banna bangwe ba tshwere nama ya phologolo kwa morakeng wa Mchimxaa. 

O supa fa ka boammaaruri ba ne ba tshwara monna wa dingwaga tse di masome a matlhano le wa tse di lesome le boferabongwe ka nama e ba lephata la diphologolo ba neng ba rurifatsa gore ke ya tholo. 

A re bobedi jo bo mo diatleng tsa sepodisi. 

Superintendent  Michael Maphephu o kopa setshaba gore se ithute go tsoma mo go ka fa molaong ka go dira diteseletso. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Precious Bonang

Location : Letlhakane

Event : Potsolotso

Date : 22 Oct 2015