Breaking News

Keitumetse o itumelela ditlhabololo

21 Oct 2015

Kgosi  Silas Keitumetse wa Mookane a re o itumelela ditlhabololo tse di tsweletseng ka go dirwa mo motseng wa gagwe.

A re motse wa gagwe o tsweletse ka go golela pele ka jaana ba setse ba na le maphata le badiredi ba puso ka go farologana go akarediwa kokelwana e e lekaneng go thusa le balwetse ba ba gateletsweng pele ba ka isiwa kwa sepateleng.  

Motse o, o o neng o digela dingwaga di le lekgolo o ntse o le teng dikgwedi tse pedi tse di fetileng, o na le dikole tse pedi. 

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Keitumetse a re  le fa ba sa ntse ba lela ka go tlhoka tsela, o dumela gore motse wa gagwe o tlaa tswelela ka go gola ka go setse go beilwe semmuso setsha se mo go sone go tlaa agiwang diofisi tsa khansele. 

O tlhalositse fa go gola ga meepo le madirelo di tlaa thusa thata mo go goleng ga motse oo.

A re khamphane ya PPC e supile fa le bone mo nakong e e tlang ba tlaa bo ba epa semente mo kgaolong ya gagwe.

Kgosi o tsweletse ka go tlhalosa fa batho ba gagwe ba amogetse mananeo a puso a akaretsa a nyeletso lehuma, LIMID, madi a banana, masingwana a merogo le fa mo pakeng eno ba amilwe thata ke letlhoko la metsi, mmogo le go tsenelela metshameko e e rotloediwang ke Tautona. 

 A re le fa bontsi bo tlhaela kitso ka ga mananeo a e bile le ba ba a tsereng ba kgona go seka ba a dirisa sentle, ba tsweletse ka go ruta le go ba itsese botlhokwa ja mananeo a go nna jaana ba tshwaragane le mopalamente wa bone yo gape e leng mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae mme Botlogile Tshireletso go ba thusa go tlhabolola matshelo a bone ka mananeo a. 

Kgosi o boletse gore mme le fa go ntse jalo, o tshwenyega thata ka banni ba motse ba ba nang le mokgwa wa go itlhokomolosa bogosi fa ba bilediwa diphuthego tse di direletsweng go thusa bone e le morafe.

O tsweletse ka go bua fa a tshwentswe thata ke seemo sa borukutlhi se se tsweletseng ka go golela pele mo motseng. 

A re banana ba inaakantse le ditiro tsa botlhokatsebe go simolola fela ka ba ba sa ntseng ba le mo dikoleng, a re mo nakong e e fetileng ngwana wa sekole sa magare sa Mookane o kile a tlhaba morutabana wa gagwe ka thipa. 

Kgosi o tsweletse ka go tlhalosa fa a tshwaragane thata le ba sepodisi go lwantsha diemo tse tsa borukutlhi tse di akaratseng go thuba le go utswa mo matlong le dikgwebo tsa batho, petelelo,tiriso ya ditagi mmogo le  bogodu jwa leruo bogolo jang ditonki tse ba di bolayang ba di ja le go di rekisa mo metsaneng e e gaufi. 

Kgosi Keitumetse o nnile a bolela fa a itumelela tirisano mmogo ya ba sepodisi go thusa mo go tshwareng botlhe ba ba inaakantseng le jone borukutlhi jo a re o dumela gore ba tlaa feletsa ba kgonne go fokotsa ditiro tsa go nna jalo mo motseng.

O rotloeditse batsadi go itlwaetsa go tsibogela pitso ya diphuthego gore ba tle ba tshwaraganele mathata a motse wa bone le go kgalema bana ba bone fa ba lemoga gore ba tswa mo taolong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lesedi Lephojane

Location : Mookane

Event : Potsolotso

Date : 21 Oct 2015