Tshenyetso setshaba e tlhaetsa meamuso
21 Oct 2015
Mokwaledi wa khansele ya Borwa, Rre Mompati Seleka, a re tshenyetso setshaba e tshwanetse ya emisiwa gore itsholelo e kgone go gola.
O buile jalo kwa kabong ya dipompo di le pedi tsa metsi le terata e e ageletseng malwapa a ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng ke komiti ya twantsho borukutlhi kwa Moshupa bosheng.
Rre Seleka o boletse fa ditiro tsa bopelotlhomogi di ka tswelela pele fela fa go ka lwantshiwa tshenyetso setshaba.
“Bagaetsho, re tshwanetse ra lwantsha tshenyetso setshaba ka go sena gore Batswana ba ka bona ditlamelo jang fa e ka tlogelwa e ya magoletsa.
A re tshenyetso setshaba ke mmaba wa ditlhabololo ka jalo khansele e dule ka mananeo a ka one e ikaelelang go tlhagisa setshaba ka ditlamorago tsa yone.
Le fa go ntse jalo, Rre Seleka o ne a akgolela bodiredi jwa khansele-potlana ya Moshupa go bo bo dira ka natla e bile bo lemoga letlhoko la morafe o bo direlang mo go one jaaka ba malwapa a goora Kgabo le Ramatlhakola ba ba abetsweng dipompo le diterata.
E rile a ntsha la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Moshupa, Rre Isaiah Odirile a leboga komiti ya twantsho borukutlhi ya Moshupa ka tiro ya bone ya bobelotlhomogi.
Rre Benjamin Mogodi yo e leng modulasetilo wa khansele-potlana ya Moshupa ene o ne a bolela fa a solofela fa komiti e e tlaa tswelela ka mowa wa go direla setshaba.
O ne a ba akgolela tiro e ntle e ba e dirang a re se ke nngwe ya melhale ya go nyeletsa lehuma mo setshabeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tefo Koontse
Location : Moshupa
Event : Kabo Dimpho
Date : 21 Oct 2015






