Ipelegeng e tokafatsa matshelo kwa Mookane
21 Oct 2015
E re ka Motswana a re sejo sennye ga se fete molomo, banni bangwe ba Mookane mo kgaolong ya Legare ba dirisa bonnyenyane jo ba bo bonang ka go dira mo Ipelegeng go tokafatsa matshelo a bone.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Ruth Jonas yo e leng leloko la komiti ya ditlhabololo tsa Mookane o tlhalositse fa banni bangwe ba kgonne go itsenyetsa dipompo mo malwapeng, go ikagela matlwana a boiteketso le go ikagela matlo a a nang le kamore e le nngwe ka dikatso tsa Ipelegeng. O boletse fa bangwe ba tsenya bana ba bone dikole ka dikatso tseo.
O kaile fa lenaneo la go apeela badiri ba Ipelegeng le ntsha baapei ba le bantsi mo seretseng ka go ba atswa ka dituelo tse di botoka.
O tsweletse ka go tlhalosa gore fa e sale lenaneo la namola leuba le fetolwa go nna Ipelegeng dikatso di botoka e bile di tswa ka nako.
Mme Jonas o tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng le amogetswe sentle mo Mookane ke banana le bagolo mme bomme ba le bantsi mo go lone, o kaile fa ba tle ba leke go oka borre fa ba na le ditiro tsa go aga ka gore borre go le gantsi ke bone ba nang le kitso ya go aga.
O boletse fa ba kgonne go dira ditiro di tshwana le go aga matlwana a boitiketso a a dirisang metsi kwa diofising tsa ga mmaboipelego le go shafatsa matlo a bo mmaboipelego ga mmogo le go agelela mabitla ka thuso ya Ipelegeng.
Fa a ntsha la gagwe motshwara madi wa komiti ya dithabololo ya Mookane, Mme Goememang Modisaotsile o supile matswenyego ka bahirisi bangwe ba ba sa dueleng madi a boroko ka nako e bile bangwe ba sa duele gotlhelele.
O thalositse fa komiti ya dithabololo e agile mantlwana a go latlhelwang matlakala mo go one pele dikoloi tsa matlakala tsa khansele di tla go a tsaya, o tlhalositse fa ba le mo letsholong la go aga matlo a boitiketso a setshaba mo mafelong a go senang matlwana a boitiketso, o boletse fa ba setse ba kopile ditena mo komponeng ya Lobatse Clay Works e e direlang go bapa le motse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : Mookane
Event : Potsolotso
Date : 21 Oct 2015






