Koporase ya banana e dira sentle
21 Oct 2015
E rile go utlwa mokgosi wa gore dikoporase di boele mo seemong sa maloba, banana bangwe kwa Mahalapye ba ipopa setlhopha mme ba ikwadisa go bula koporase ya bone.
E rile a bua mo potsolosong mongwe wa banana bao, Rre Fane Mogwadi, a re ba ne ba ikopanya ba le lesome le botlhano go dira koporase e e bidiwang Sunes Multipurpose Co-operative Society.
Rre Mogwadi o ne a tlhalosa fa koporase e ya bone, e dira ka tsa dikago, botsipa jwa go lomaganya ditshipi, go penta matlo le gone go gokela metsi le motlakase.
A re koporase e, e e tlhamilweng ngwaga ono o simolola ka kgwedi ya Tlhakole. O ne a tlhalosa gore koprase ya bone e bereka ka matshego a le supa a go kailweng fa e le one mokwatla wa koporase nngwe le nngwe.
A re mangwe a matshego ao, ke boloko jo bo gololesegileng le tsamaiso ya puso ya batho ka batho ya maloko, a re tse di dira gore mongwe le mongwe mo koporaseng a phuthologe ka go bua megopolo ya gagwe mme e kgone go ka sekasekwa e bo e ka dirisiwa.
Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa fa koporase ya bone e dira sentle
Rre Mogwadi a re maloko a dirisana sentle e bile ba dumela gore ‘‘mafoko a kgotla amantle otlhe’’ ka jaana ga ba nyatsane.
Le fa go lebega sengwe le sengwe se apere tshiamo kwa Sunes, o tlhalositse fa ba le podi matseba ka dinako tsotlhe go ipaakanyetsa dikgwetlho tse di ka tlhagogelang koporase ya bone nako nngwe le nngwe, a re ga ba kake ba rata go ka e bona e phutlhame ka letsatsi lepe.
E re ntswa dititiro tsa go aga go le gantsi e le tse go ka tweng di bokete di ka dirwa ke borre, o kaile fa ba nna ba ikgaoganya sentle ka tsone ka go fa ba bomme tse o ka reng di motlhofo le go dirwa tsa go phepafatsa le tsa bokwaledi.
Mo dithutong tsa bone banana ba bontsi ja bone e leng borre ba tlhalosa fa ba ithutuntshitse mo dikoleng tsa ditiro tsa diatla.
Rre Mogwadi a re bangwe ba bone ba ithutetse go kopanya tshipi, go gokela motlakase mo matlong, go penta, go rulela, le go apaya jalojalo.
A re fa koporase ya bone e sena go tlhamiwa ba ile ba tsenngwa mo dithutong tse di tseneletseng tsa lobaka lwa kgwedi tse pedi ka ga dikoporase le kgwebo ke ba lephata la dikoporase,
A kaya fa dithuto tse di ba sugile fela thata mme jaanong ba tsene mo tirong ya bone ka letsogo le le fa godimo le botsipa jo bontsi, mme a tlhalosa fa ba itumelela tiro e ya lephata la dikoporase ya go fa batho dithuto tse di maleba.
Rre Mogwadi o ile a re o ntsha kgakololo mo bananeng ka bone go tsaya kgato ba ipope mme le bone ba tlhame dikoporase kwa ba leng teng gore matshelo a bone a tle a kgone go ka fetoga.
O ne a gakolola gore tsotlhe tse ba di dirang mo koporaseng ba di kgontshiwa ke gore ba nna ba bitsa bokopano ja kwgedi le kgwedi go abelana megopolo ya go ya pele, a re ka Motswana a re kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa ga go sepe se se ka palang fa batho ba ne ba ka iketlela dilo tse di senang mosola mme ba itebaganye le tse di amang matshelo a bone mo lefatsheng.
A re kutlwano le kagisano fa di bopagantswe mmogo di ka isa setshaba kwa pele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesego Keminne
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 21 Oct 2015






