Badiragatsi ba gakololwa go ikela tlhoko
20 Oct 2015
Mogolwane wa tsa mananeo mo lephateng la banana, metshameko le ngwao, Rre Kagiso Makoba o gakolotse badiragatsi go ikela tlhoko mo bathong bangwe ba a reng ba ka ba ja ntsoma.
Kgakololo e e tla morago ga gore BOPA e tsee loeto go lekola moletsi wa setinkane, Mme Kemoitsesemang Makasu wa kgotla ya Metsiaela kwa Letlhakane.
Selelo sa ga Mme Makasu ya nna gore o tshelela mo lehumeng le ntswa a solofeditswe magodimo mo loetong lwa gagwe lwa go ya go diragatsa kwa Sweden ka 2012.
Mme Makasu o tlhalosa fa a tsere malatsi a le lesome le botlhano kwa lefatsheng leo mme a diragatsa mo dikoleng le mo mafelong a itloso bodutu.
Go ya ka Mme Makasu yoo dingwaga tse di masome matlhano le bongwe e bile a sa itse go bala le go kwala, mo loetong la gagwe le borre bangwe ditumalano tse di neng di dirwa ka molomo ene ya nna gore o tlaa agelwa ntlo.
Go fetile dingwaga tse tharo mme Mme Makasu o tlhalosa fa a ise a agelwe ntlo le fa e le go bona dikatso dipe. Fa a tswa la gagwe, Rre Makoba a tlhalosa fa Mme Makasu a begetse ofisi ya gagwe kgang e bosheng mme ba simolotse go dira ditlhotlhomiso.
A re sebe sa phiri ke gore ofisi ya gagwe e ne e sa itse sepe ka loeto lwa ga Mme Makasu. O gakolotse badiragatsi botlhe go bala le go saena konteraka pele ga ba ka diragatsa gope fela.
Rre Makoba o ne a tlhalosa gore ofisi ya gagwe e butse dikgoro gore badiragatsi ba ba sa itseng go bala le go kwala jaaka Mme Makasu ba tsise konteraka kwa go bone ba ba thuse go ba e tlhalosetsa.
Rre Makoba a re ba atle ba tshware thutopuisanyo le badiragatsi mo kgaolong ya Boteti go ba tsibosa ka dikgang di tshwana le ya ga Mme Makasu mme fela o tlhalosa gore monongwaga ga ba ise ba tshware dithuto tsa mofuta o. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Oageletse Modirwagale
Location : Letlhakane
Event : Potsolotso
Date : 20 Oct 2015






