Breaking News

Ba kgalelwa go bipa mpa ka mabele

20 Oct 2015

Batsadi ba Takatokwane kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go emisa mokgwa wa go bipa mpa ka mabele mo dikgangnnyeng tsa tlhakanelo dikobo le petelelo mo baneng ba ba dingwaga di kwa tlase.

Fa a bua kwa moletlong wa go tsamaisa sentle baithuti ba lekwalo la bosupa ba sekole se sebotlana sa Takatokwane, modiredi wa ofisi ya tokafatso matshelo a batho kwa motseng oo, Mme Maureen Lefifi a re ba lemogile  gore batsadi bangwe ga ba begele ba molao ditiro tsa kgokgontsho le tsa tiriso ya bana botlhaswa.

O supile fa kwa Takatokwane bontsi jwa baithuti ba ba dingwaga di kwa tlase ba tlogela sekole ka ntlha ya boimana, mme fela a kaya fa dipego tsa ba sepodisi mo kgaolong eo di supa fa ba begetswe tiragalo e le nngwe ya go tlhakanela dikobo le ngwana wa dingwaga tse di ko tlase.

A re seo ke sesupo sa gore bontsi jwa batsadi ga ba begele ba molao dikgang tse, mme fela a ba kaela fa go dira jalo e le go gataka ditshwanelo tsa bana ka dinao e bile go ka dira gore ngwana a tshele ka botlhoko mo pelong botshelo jotlhe. A re go lebega batsadi bangwe ba sa bege dikgang tse ba gabile go atswiwa ke badiramolato.

A re molao o o sireletsang bana o tlama gore ngwana a nne le sebaka sa go bona thuto, botsogo, bonno, go tlhokomelwa ka dijo, diaparo, le go tewa leina mme a supa fa go tlhoka go dira jalo e le go tsuolola ditshwanelo tsa bana e bile batsadi ba ba sa direng jalo ba ka tseelwa dikgato tse di gagametseng.

Mme Lefifi o tsweletse ka go tlhalosa gape gore molao o, o tlhalosa gore  ngwana mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go itse batsadi ba gagwe botlhe le gore a utlwe bothito jwa lorato la bone le fa ba sa tlhole ba le mmogo.

Go ntse go le foo, Mme Lefifi  o kgadile bangwe batsadi ba ba bitsang bana maina a lesotlo ba lebile gore ba ba tsholetse mo dikgwetlhong tsa botshelo tse di ntseng jang, mme a kaya fa leina e sa tshwanela go nna phutsho mo ngwaneng a gatelela gore ina lebe seromo.

 E ne ya re a itebaganya le baithuti, a ba kaela fa ba na le ditshwanelo mme fela a ba gakolola go di dirisa ka maikarabelo, a kaya fa bangwe ba kgona go dira boithatelo mo botsading mme e re batsadi ba leka go ba otlhaya ba gane ka ba re ba na le ditshwanelo.

O ne gape a ba gakolola gore fa ba tsena ko dikoleng tse dikgolwane ba ikamanye le ditsala tse di ka ba isang golo gongwe mme ba ikgaphe mo go tse di ka ba isang thaelong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Moletlo wa tsamaya sentle

Date : 20 Oct 2015