Fetolang maitsholo-Ntswetswe
20 Oct 2015
Motshwarelela mogokaganyi wa mananeo a HIV/AIDS kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Onkabetse Ntswetswe o gwetlhile borre go tsaya dikgato tse di maleba mabapi le botsogo jwa bone le go fetola maitsholo mo ntweng kgatlhanong le kanamo ya mogare wa HIV.
O supile fa ba leka ka bojotlhe go kopa le go rotloetsa borre go inaakanya le dikgang tsa botsogo di tshwana le go dira learo le le babalesegileng, go itlhatlhobela mogare wa HIV, mme fela a re go lebega ba sa tseye dikgang tse ka tlhwaafalo ka jaana dipalo di supa fa ba santse ba saletse morago.
Rre Ntswetswe o buile se mo thuto-puisanong e maikaelelo a yone e neng e le go fa borre sebaka sa go itshekatseka go bona gore mabaka a a dirang gore ba nne maoto a tshupa mo dikgannyeng tsa botsogo ke eng, le go batla tharabololo ya seo, mme di tshwaretswe kwa motseng wa Dutlwe bosheng.
Rre Ntswetswe a re dipatlisiso di supile fa borre e le bone ba latlhegelwang ke matshelo thata go gaisa bomme, mme a supa fa seo se bakiwa ke gore borre ba goga maoto go itlhatlhobela malwetsi ka go farologana le go dirisa ditlamelo tsa botsogo fa bomme bone ba tsiboga.
A re borre ke bone ba di gogang kwa pele mo kgannyeng ya tlhakanelo dikobo mme fa go tsenwa mo dikgannyeng tsa go itlhatlhobela mogare wa HIV ba goga dinao, mme a ba kaela gore jaaka e le ditlhogo tsa malwapa ba tswelele ba nne sekao le fa go tsenwa mo dikgannyeng tsa botsogo.
O gakolotse borre go tsaya boikarabelo jwa go ikgapha le go fetola maikutlo mo go tsa tlhakanelo dikobo, a re go gokaganya bakapelo le go tlhoka boammaaruri ke dingwe tse di rotloetsang kanamo ya mogare wa HIV.
E rile ba akgela borre ba supa fa go tlhaela kitso ka dikai tsa malwetsi a a farologanyeng e le lengwe la mabaka le le dirang gore ba seka ba tsiboga, mme ba ikuela mo lephateng la botsogo go isa ditlamelo kwa bathong go ba tsibosa ka tsa botsogo le go phatlalatsa dikausu mo dikokelwaneng ka ba re di a tlhaela.
Ba ne gape ba tlhalosa gore bontsi jwa nako fa ba lemoga dikai dingwe tsa malwetsi ba tabogela kwa dingakeng tsa setso, mme ba ye dikokelong nako e setse e fedile bolwetsi bo setse bo iphile maatla.
E ne ya re kwa bokhutlong jwa dithuto tse ga tlhophiwa komiti ya Men Sector. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : Letlhakeng
Event : Thuto puisano
Date : 20 Oct 2015






