Noka ya Boteti e gapile botshelo
20 Oct 2015
Mapodisi a Rakops a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna yo o dingwaga tse di masome mararo le bone yo o tlholegang kwa Xhumo a latlhegetsweng ke botshelo mo nokeng ya Boteti kwa masimong a Kaokare.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, mothusa mookamela mapodisi a Rakops, Rre Kemotse Fabi, o tlhalositse fa e rile ka Laboraro ba amogela amogela mogala gore monna mongwe yo go supiwang fa a ne a thuma le monnawe a nwetse mo metsing.
O tlhalositse fa ba sepodisi ba ne ba emela ba boitseanape ba metsi go tla go ba thusa go batla mmele wa moswi mme ba kgona go tla go ntsha moswi ka Labone ka nako ya bosupa mo mosong
Rre Fabi a re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse, a tlatsa ka gore mmele wa moswi o kwa setsidifatsing sa kokelo ya Rakops go tlhatlhobiwa ke ba bongaka.
Rre Fabi o gakolotse setshaba gore noka e na le metsi a mantsi a re batho ba emise go tshamekela mo go yone ka e le diphatsa.
Mo go tse dingwe Rre Fabi o gakolotse badirisi ba tsela ya Orapa-Maun go kgweetsa ka kelotlhoko ka tsela eo e sa agelelwa mme go tletse diphologolo tsa naga le leruo.
O ne gape a supa matshwenyego a bakgweetsi ba ba kgweetsang ka lebelo le le kwa godimo a supa fa mo bekeng ba tshwara badiramolato ba ka nna lesome le botlhano le go feta.
A re e le ba sepodisi ba kgonne go lwantsha molato wa bakgweetsi ba ba kgweetsang ba nole ka thuso ya ba sepodisi sa ipelegeng,a tlhalosa fa dipalo tsa badira molato o di fokotsegile mo go nametsang, e bile bakgweetsi ba dirisa ditlankana tsa bone tsa teseletso ya go kgweetsa ka a re ba kgona go tshwara badiramolato o ba le kwa tlase ga botlhano mo bekeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tachila Kayawe
Location : Xhumo
Event : Potsolotso
Date : 20 Oct 2015






