Breaking News

Bogodu jwa ditonki bo ile magoletsa

20 Oct 2015

Balemi ba masimo a Modoole le Makoro gaufi le Palapye ba tshelela mo  selelong  ntateng ya bogodu jwa ditonki jo bo ileng magoletsa kwa masimong a bone.

Banni ba boleletse mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwaretswe kwa masimong a Modoole le Makoro bosheng. Mongwe wa balemi, Mme Goitsemang Bareki a re borukutlhi bo ile magoletsa mo masimong, a tlhalosa fa ba sa tlhole ba na le ditonki.

Mme Maipelo Tiro ene a re leruo la bone mo masimong le a tsewa mme fa ba latedisa motlhala o wela ko Palapye.

A re dikgang tse di bakile dintwa fa gare ga bana ba ba nnang ko Palapye le ba ba nnang ko masimo ka ntateng ya bogodu ja ditonki.Mme Tiro a re ditonki tsa bone di setse di fedile ntswa e le tsone tse ba di ikantseng. 

A re sebe sa phiri ke gore fa ba begela mapodisi a Palapye dikgang tse ga ba di tsibogele ka nako, a tlhalosa fa ba setse ba sena tshepho mo mapodising.Fa a tswa la gagwe Mopalamente Goya o tlhalositse fa bogodu jo bo bakiwa ke theko ya nama ya tonki mo Palapye.

A re o tlaa bua le dikgosi gore ope yo o batlang go reka tonki a e rekele kwa kgotleng fela jaaka go dirwa ka dikgomo.

Mothusa mookamela mapodisi a Palapye Assistant Superintendent Makhura o rotloeditse balemi ba ba utsweditsweng ditonki go begela mapodisi dikgang tsa bone mme a ba kopa gore ba seka ba tlhoboga mapodisi.

A re bogodu jwa ditonki bo ntse bo tshwenya thata kwa masimong a Dikabeya mme ba ba amegang ba setse ba tshwerwe.

Assistant Superintendent Makhura o tlhalositse fa a tlaa sala kgang ya bone morago mme a konotelela ka gore e le ba sepodisi ba rotloetsa mapodisi go thusa setshaba ka nako. A re fa setshaba se sa itumela ba na le sebaka sa go pagamelela kwa godimo go begela ba bagolwane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Modole/Makoro

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Oct 2015