Breaking News

World Group of Companies e namola baithuti

20 Oct 2015

Diaparo, fela jaaka dijo le matlo, di tsholetsa seriti sa motho mo setshabeng. Go maleba go bo go ntse jalo ka jaana batho ba solofela gore mongwe le mongwe a ikatege go sa kgathalesege gore a ke mogolo kgotsa ngwana wa sekole.

Maloba jale, itsholelo ya malwapa ka bontsi e ne e le kwa tlase. Ka lebaka le, paka ya sekole e ne e sa aparwe ke mang le mang. Bana bangwe ba ne ba tsamaya ba sa rwala ditlhako kgotsa ba sa apara paka gotlhelele. 

Le fa go ntse jalo, go ne go sa re sepe mo baneng ka jaana bontsi jwa bone ba ne ba iteisanya borathana mo dithutong fela mme ba se na tsapa le ba fisang pelo ka kapari.

E ne ya re fa tlhabologo e goroga, paka ya sekole ya nna mmangmang. Ngwana wa sekole a tshwanelwa ke go felela ka paka. 

Ka batho re sa lekane re se meno, bangwe batsadi ba retelelwa ke seemo se mme ba tshwanelwa ke go ititaya ka thupana go rekela bana paka e e feletseng. Go kaba phatlha e, khamphani ya World Group of Companies e ne ya abela bana ba dikole tse dipotlana mo Molepolole di le lesome paka ya sekole. 

Se e le gone go lemoga gore batsadi bangwe itsholelo ya bone e kwa tlase mme bana bone ba tlhoka go lebega sentle.

Bosheng, khamphani e, e abetse bana ba feta sekete ba dikole tse dipotlana tsa Kealeboga le Bakwena National kwa Molepolole paka e e feletseng go na le ditlhako le dijesi ga mmogo le dimonamone.

Batsadi ba supile ka boitumelo gore paka ya sekole e ba e amogetseng e le ruri e ba namotse mo letlhokong la madi. 

Ba ne ba tlhalosa fa go ne go le motlhofo go farologanya bana mo sekoleng mme e bile bana ba sekole le bone ba kgona go tlaopa ngwana yo mongwe ka ntlha ya tebego ya gagwe e e sa kgatlhiseng.

Ba ne gape ba supa fa go dira jalo, go na le kgonagalo ya go isa thuto ya ngwana kwa tlase ka jaana bangwe bana ba ne ba setse jaanong ba tshaba go ya sekoleng ka mabaka a paka ya sekole e e thuntseng kgotsa ditlhako tse jaanong di gatisa mong ka mpa ya lonao.

Batsadi ba supile fa ba tletse ka boitumelo ka jaanong bana botlhe ba tshwana.

Ba kopile dikhamphani go tswelela di otlolola lebogo mo dikoleng ka go farologana lefatshe leno ka bophara. 

Ba gateletse gore fa itsholelo ya lefatshe leno e santse e le kwa tlase go botlhokwa go tsibogela dikgang tsa go tshwana le tse ka jaana e tlaa re kgabagare di tsose itsholelo ka ntlha ya baithuti ba ba alogileng sentle e bile ba thusitswe go tlodisiwa melatswana ya go tshwana le e.

Mongwe wa batsadi, Mme Obanyana Mmusi o tlhalosa fa a le motlotlo ka jaana mpho eo ne e sa kgetholole ka ba abetse bana botlhe mo sekoleng. 

A re o dumela gore thuto e tlaa tokafala ka jaana paka ya sekole le yone e na le seabe mo go ithuteng ga bana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boikanyo Basimane

Location : Molepolole

Event : Kabo Dimpho

Date : 20 Oct 2015