Ntau ga a itebe diatla
20 Oct 2015
Batswana ba tsweletse ka mowa wa go ipelega, ba itirela ka diatla go tokafatsa matshelo a bone.
Mme Keromemang Ntau yo o tlholegang kwa Kisa mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ke mongwe wa bao ba ba dumelang fa go itirela ka diatla go sa latse le tlala.
Mme Ntau, yo o dingwaga di masome matlhano le borobabongwe o boletse mo potsolotsong le BOPA fa a tswa kgakala a rata go loga le go bopa mekgabisa mo ntlong le kwa meletlong ka go farologana.
O tlhalositse fa a tshela ka tumelo ya gore mo botshelong motho o tshwanetse go ikitaya sehuba mo ditirong tsotlhe tse di ka tsisang maduo a mantle, a tlatsa ka gore lorato lo di goga kwa pele mo go bolokeng nako le gone go diragatsa maikaelelo le maikemisetso a motho.
“Ke dumela mo go ithuteng dilo tse di ka nkisang golo gongwe, ke sone se e rileng ke bereka kwa maburung kwa Aferika Borwa ke sa le mo dingwageng tsa bonana ka kgatlhwa ke bonatla jwa bone, ba ne ba se ke ba itsapela sepe mme e bile ba dumela mo go ntsheng maduo mo go se ba itebagantseng le sone,” ga bua Mme Ntau.
Fa a ranola polelo ya loeto go tswa kwa Aferika Borwa ka ngwaga wa 1971 a re ka go tlhoka lesego o ne a bona kotsi ya koloi e e neng ya mo koafatsa mme seo sa seka sa mo kgoba marapo a semelela le go batla se a ka itshedisang ka sone.
Mme Ntau a re ka a dumela gore motho o roba se a se jwetseng, o ne a seka a letlelela bokoa go mo kgaola matsogo kana go tshela a eletsa go utlwelwa botlhoko ke batho ba bangwe.
“Tiro ya me ya go loga, go bopa le go roka mekgabisa e ne ya seka ya ntswa diatleng, ke ne ka e dira ka botswapelo mo ke feletseng ke simolola go rekisa ka batho ba ne ba e kgatlhegela,” go buile jalo Mme Ntau.
Mme Ntau o bopa ditlatlana, o loga mealo, dihutshe, mekgabisa ya mo ntlong le kwa meletlong a dirisa dilo tse di sa lopeng madi ape go bonwa jaaka dipolaseteke, pampiri, molora wa leiso, matlape a maungo, dikgapha tsa mae, matlapana, dikelekesi, boloko jwa dikgomo le tse dingwe.
O kaile fa a reka pente, tlhale, molora wa Vim, le sekgomaretsi (glue) le dipeo tse a di lemang mo tshingwaneng ya gagwe ya ditlhare tsa maungo le mekgabisa.
Mme Ntau a re o itumedisiwa ke gore bana ba gagwe ba mo ema nokeng ka dinako tsotlhe ka jalo a dira tiro ya gagwe ka botswapelo.
“E sa le Rre Ntau a tlhokafala ka ngwaga wa 2012, nna le bongwanake re nna seoposengwe, ba nthotloetsa mo tirong ya me mme seo se mpha moko wa go tswelela ke bereka ka thata,” go buile Mme Ntau.
Mmagwe Mpopi jaaka a tlwaelesegile go bidiwa ke ditsala le masika ke Motswana yo o dumelang mo thutong le gone go kopa botsipa bope fela jo bo mo solegelang molemo mo botshelong.
O kile a tsena dithuto tsa Home Economics ka thotloetso ya Kgalagadi District Council mme a sela botsipa mo go tsa ‘screen printing, tie and dye, patch and dress making.’
Mme Ntau o ne gape a tsena dithuto tsa temo-thuo di akaretsa ‘thuo ya dinotshi, taolo ya diji le malwetsi, thuo ya dihutshane, le tse dingwe jalo jalo kwan Southern Rural Training Centre.
Fa a tlhalosa, a re dithuto tse a di anywileng kwa ntle o di dirisa malatsi otlhe, mme seo se mo fatlholotse e bile go mo fa seriti a tlhalosa fa a tsaya thuto jaaka mokgabo e bile a e ikanya ka dinako tsotlhe.
Mme Ntau a re tiro ya gagwe ya malatsi otlhe e akaretsa go loga kana go bopa mekgabisa, go tlhokomela tshimo ya gagwe e a e lemileng ditlhare tsa maungo, le mekgabisa.
O busetsa matlakala mo tirisong, jaaka a kgona go roka a dirisa polaseteke, a kolobetsa pampiri a bo a bopa ka yone a bo a kokometsa matlapana le dibata tsa matsela go kgabisa ditlatlana tsa gagwe.
Mme Ntau o tsweletse ka go supa fa tshingwana ya gagwe e mo itumedisa, a re ditlhare ke botshelo e bile a netefatsa go di tlhokomela le gone go di baakanyetsa kgolo e e sireletsegileng.
O lema ditlhare tsa maungo le mekgabisa le merogo a akaretsa; sika loo digwete, merogo ya sekgoa le wa dinawa, losereng, longana, tlhale, dithunya ka go farologana ga tsone le tse dingwe.
O tlhalositse fa a rekisa mekgabisa ya gagwe e e farologaneng, a rekisa le ditlhare go itshetsa le ba lelwapa la gagwe, mme kgwetlho e tona e le sepalamo se se ka mo fitlhisang kwa mafelong a a dikologileng motse wa gaabo wa Kisa.
Mme Ntau a re o eletsa go ithuta mo go oketsegileng ka tiro ya diatla, a re gape o kopa go ka thusiwa ka madi go fitlhelela ditoro tsa gagwe tsa go oketsa selekanyo sa didirisiwa tse a di rekang, le gone go nna le sepalamo se a ka se dirisang go rekisa dithoto tsa gagwe kwa mafelong a a farologaneng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Ntau
Location : Kisa
Event : Potsolotso
Date : 20 Oct 2015






