Breaking News

Beng ba diterekere ba rotloediwa tlhwaafalela temo

20 Oct 2015

Moitseanape wa ditshukudu tsa temo le didirisiwa tsa tsone kwa Molepolole, Rre Alpha Modukanele o kopile beng ba diterekere ba metse e e mo kgaolong ya Letlhakeng bophirima go dirisana sentle le balemi ka nako ya temo gore lenaneo la ISPAAD le go godisa temo le tswe maduo. 

Fa a bua kwa dithuto-puisanyong ya boraditerekere e e neng e tshwaretswe kwa masimong a Sekwakwane go bapa le Takatokwane bosheng, Rre Modukanele o supile fa a sa itumelele tiro ya beng ba diterekere.

Rre Modukanele a re diofisi tsa selemisi mo Kweneng Bophirima di amogela dingongora tse dintsi go tswa mo baleming ba ba ngongoregang ka beng ba diterekere ba ba sa  ba lemeleng sentle, mme a kaya fa se se kgoreletsa go dira sentle ga lenaneo la  ISPAAD.

A re balemi ba ngongorega gore beng ba diterekere ba lemolola masimo ba bo ba a tlogela lobaka lo loleele ba sa tle go a jwala, mme balemi ba felele ba iphotlhere fela bokgola bo ba sia.

O kgadile seo fela thata, mme a gwetlha beng ba diterekere go emisa mokgwa wa go taboga fa morago ga madi ba latlhelela tiro. A re go botlhokwa gore ba tlhaloganye fa puso e dirisa madimadi mo ISPAAD, ka jalo ba tshwanetse go dira tiro ya bone ka bokgabane gore lenaneo le le solegele Batswana molemo.

Rre Modukanele o ne gape a tlhalosetsa batsena tiro eo gore lenaneo la ISPAAD le ka ntsha maduo fela fa balemi, balemisi, beng ba diterekere le bakgweetsi ba tsone ba ka dirisana le go sala ditsamaiso tsa lenaneo le morago. 

O ne a gakolola beng ba diterekere gore ba kgaogane sentle ka dithopha, mme ba emise go ikgagapelela tiro ka go dira jalo go baka gore tiro ya bone e nne ntsi mme ba retelelwe ke go thusa balemi ka nako.

Go ntse go le foo, o kopile beng ba diterekere ba kgaolo eo go ikopanya go tlhama mokgatlho, a kaya fa kwa mafelong a mangwe bangwe ba setse ba gatetse pele ka ba kgona go ntsha matshwenyego a bone motlhofo ba ikopantse. Fa ba tswa la bone, beng ba diterekere ba tlhalositse fa ba santse ba tlhaela kitso ka tiriso ya didirisiwa tsa temo ya ditselana, selo se ba reng se ba paledisa go thusa balemi ka matsetseleko mme ba kopa ba selemisi go ba tlhatlhelela kgapetsakgapetsa ka tiriso ya tsone.

A re go na le bakgweetsi bangwe ba ba kgonang go theogela ba itshietse mme a ba kaela fa terekere le yone fela jaaka koloi e ka nna le kotsi e e ka gapang botshelo jwa motho fa e sa dirisiwe ka kelelelo. 

Fa a itebaganya le balemi, molemisi wa Motokwe, Rre Mompati Siane o ba gakolotse go itlhaganelela go tshwara bokgola jwa ntlha, go dirisa methale e mesha ya temo le go reetsa dikgakololo tsa balemisi gore ba bone thobo e e botoka. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Thuto puisano

Date : 20 Oct 2015