Breaking News

Thuto pilara ya botshelo

20 Oct 2015

Mookamedi wa kanamiso mafoko le melaetsa wa Botswana Meat Commission, Rre Brian Dioka o boletse fa thuto e le yone seikokotlelo sa botshelo mo dipakeng tsa segompieno. Rre Dioka o buile mafoko kwa moletlong wa kabo dimpho ya sekole se se botlana sa Mosielele kwa Moshupa bosheng. 

A re thuto ya bogologolo fa go ne go tsenelwa ka fa tlase ga ditlhare e bile go na le sekole sa motshegare e alositse batho ba le bantsi thata.

Rre Dioka a re thuto ya lefatshe la Botswana e nnile le kwelo tlase mo dingwageng tse di fetileng ka jalo go le botlhokwa gore sekole se tshwana le Mosielele se e bileng se na le bokao ja bogosi ja motse se  tshwanetse go ntsha maduo a a nametsang.

O kopile batsadi gore ba seka ba supa goromente ka monwana fa dilo di sa tsamae sentle mme ba tshwaraganele bana le barutabana ka dinako tsotlhe gore e re ka ngwaga wa 2016 sekole sa bone se bo se ntsha dialogane tse di tshenene.

A re baithuti bogolo jang ba ba sa amogelang dimpho tsa go dira sentle ba tshwanetse go ikitaya ka thupana go dira sentle mo nakong e e tlang.

Fa a tswa la gagwe mogokgo wa Mosiele, Rre Mogorosi Kenosi o boletse fa maikaelelo a bone e le go tshwara moletlo wa kabo dimpho ngwaga le ngwaga e le sekao sa go lemoga le go tlotlomatsa baithuti ba ba dirang sentle.

 A re ke maikaelelo a sekole go tshegetsa letshego la tebelopele ya 2016 ya tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso.

Mokhanselara wa Moshupa bophirima, Rre Thompson Sethibe o ne a konotelela ka gore fa batsadi ba ka tlhola gore bana ba dira jang kwa sekoleng go ka kgothatsa bana fela thata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thabang Tlhomamisang

Location : Moshupa

Event : Kabo Dimpho

Date : 20 Oct 2015