Breaking News

Komiti ya ditlhabololo e agetse motlhoki ntlwana

19 Oct 2015

Komiti ya ditlhabololo tsa Shakawe e agetse Rre Mathealoso Ditsebe wa kgotlana ya Phachanga ntlwana ya boitiketso.

Fa a bua kwa kabong ya ntlo eo bosheng, mokhanselara wa kgaolo-potlana ya Shakawe Botlhaba, Rre Lesedi Boy, o akgotse maiteko a komiti eo, a tlatsa ka gore ditshwetso tsa mofuta oo di kaya fa ba direla motse wa bone ka tlhomamo.

Mokhanselara o supile fa tiro ya mofuta oo e le ya ntlha go dirwa ke komiti eo, mme ba tshwanetse go tshwara fela jalo gammogo le go dira go fetisa foo.

A re le fa ba ka se ke ba kgone go agela batho botlhe mo motseng mme ba leke fela jalo, a tlatsa ka gore fa ba tlhoka thuso ba ne ba kopa dikhamphani go ba tswa thuso. O ne a tsibogela selelo sa ga Rre Ditsebe fa a ne a kopa go agelwa ntlwana ya boroko, a re selelo sa gagwe se tlaa arabiwa, a supa gape fa ntlwana ya boitiketso e le tshimologo ya dilo tsotlhe.

Le fa go ntse jalo Rre Boy o kopile bo monnawe Rre Ditsebe go sala ba mo tlhokometse ga mmogo le ntlwana e e agilweng ka mong wa yone e le mogodi.

Fa a mo kgwa dikgaba, raboipelego wa kgaolo eo Rre Basimane Mothoagae o akgotse komiti eo mme a kgothatsa gore ba tshwaragane go tsibogela letlhoko la batho le go ba thusa.

O tlhalositse fa ba le se ba leng sone ka batho e bile tiro ya bone e le go thusa batho ka jalo ba tshwanetse go tshwaragana go ya pele.

Fa a mo kgwa dikgaba, mothusa modulasetilo wa komiti Rre Kakuru Setilo o tlhalositse fa ba dirisitse sekete le makgolo a matlhano a dipula go aga ntlwana eo. O ne a leboga monni wa Shakawe ebong Rre Madara Mokove yo o ba duleng thuso ka go ba thusa ka madi a a ka tshwarang makgolo a a robang bobedi fa ba aga ntlwana eo.

Fa a ntsha la gagwe, Rre Ditsebe o lebogetse maiteko a komiti eo fela thata mme a supa fa seo se supa fa le ene a sa lebalwa mo botshelong.

Le fa go ntse jalo, o ne a itela mo go mokhanselara a supa fa e le ngwaga wa boraro go sena fa a bayang tlhogo teng.

 O tlhalositse fa a robala mo tenteng e le yone e sa mo tseyeng sentle a supa fa ka nako ya diphefo tante e tsewa ke phefo. Gape o ne a kopa bogogi jwa motse le boraboipelego go nna ba mo tlhola gangwe le gape, a kaya fa selo seo se ka mo tiisa moko. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kesentseng Baagedi

Location : Shakawe

Event : Kabo Dimpho

Date : 19 Oct 2015