Banana ba gakololwa go ipelega
19 Oct 2015
Modulasetilo wa khansele -potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi, o kgothaditse banana ba Takatokwane go di goga kwa pele mo go inaakanyeng le ditsamaiso tse di ka tlhabololang matshelo a bone go na le go ikamanya le ditiro tsa botlhokatsebe ka a re di ba senyetsa bokamoso.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Rre Batlhophi a re go botlhokwa gore banana ba seka ba leba fela mo pusong go ba tlela ka ditharabololo tsa mathata a a ba apereng a a akaretsang lehuma le letlhoko la ditiro.
A re seabe sa puso se a bonala mo go lekeng go tlhabolola matshelo a banana ka jaana e tlhamile mananeo a a akaretsang Youth Development Fund (YDF), Tirelo Setshaba le a mangwe mme jaanong go saletse bone go tsaya dithuso tse go itshetsa.
Rre Batlhophi a re puso e dirile go legontsi go tlhabolola matshelo a banana mme jaanong a re go a tshwenya go bona bangwe ba le maoto a tshupa go ithusa ka mananeo a, mme ba itepatepantse le go dira dilo tse di ba senyetsang bokamoso.
Rre Batlhophi, yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Takatokwane/Dutlwe, a re puso e ka dira gotlhe mo e ka go kgonang go rotloeletsa banana go ikamanya le mananeo a a leng teng mme a re fela ke maitlamo le maikarabelo a bone go dirisa sebaka se.
Modulasetilo o tlhalositse fa banana bangwe ba sa supe maikarabelo fa ba buletswe dikgwebo ka mananeo a puso a a farologanyeng mme a kaya fa mananeo ao a tlaa tswelela a ntsha maduo fela mo go ba ba tlhaga e bile ba na le tumelo ya gore a ka ba tshedisa.
O kopile banana go ikatumetsa diofisi tsa puso tse di farologanyeng go tlhaloganya ka mananeo a a leng teng, le go ikgolaganya le makalana a a ikemetseng a a tshwanang le la Local Enterprise Authority go ba tlhatlhelela ka methale ya itshetso.
Rre Batlhophi o tlhalositse se, morago ga gore boeteledipele le batsadi ba motse oo ba supe fa ba sa jesiwe diwelang ke boitsholo jwa banana ka ba ikamantse le go itontela nnotagi.
Rre Botlhalebotsile Phagane a re go itontela bojalwa mo go dirwang ke banana bao, go a ama ka jaana ba sena sepe le bokamoso jwa bone mme ba ipeile fela mo go tlholeng ba bonwa fela kwa marekisetsong a nnotagi.
A re gape ga go supege fa ba na le kgatlhego mo go ikopeleng dithuso tse ba di beilweng pele ke puso go tlhabolola matshelo a bone, a tlatsa ka gore sa bone ke go tlhola ba inaakantse le go tlhola ba kgarakgatshega fela.
E rile a akgela, mothusa kgosi ya motse, Kgosi Makgabana Tsiane a kopa ba lephata la banana go tsenya leitlho thata banana ba ba thusitsweng ka lenaneo la YDF, ka a re bangwe ga ba supe boikarabelo fa ba sena go abelwa dithuso tseo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Oct 2015






