Kgodiso ya ngwana ke boikarabelo jwa botlhe
19 Oct 2015
Banni ba Old Naledi kwa Gaborone ba kgothaditswe thusa go lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi ke bana ba dingwaga tse di kwa tlase segolo jang bana ba dikole tse dikgolwane.
Fa a bua kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke banana ba Captive Eye Organisation and Youth in Action bosheng, mogolwane wa lephata la thuto, Rre Lesego Morake, o tlhalositse fa lephata la thuto le tsamaya le dikole tsotlhe tsa puso le tse di ikemetseng, maikaelelo e le go ruta bana ba dikole ka ditlamorago le bodiphatsa jwa go dirisa ditagi ba santse ba le babotlana.
Rre Morake a re bana ba ba nang le dingwaga di le lesome le borobabobedi mme ba santse ba le mo dikoleng tse dikgolwane le bone ba rotloediwa thata go ikgapha gotlhelele mo tirisong ya nnotagi le diritibatsi ka ba a bo ba santse ba le ka fa tlase ga tlhokomelo ya batsadi ba bone.
O rotloeditse batsadi go dirisanya le barutabana gammogo le mapodisi go lwantsha tiriso botlhaswa ya ditagi mo baneng le mo bananeng, a re batho botlhe ba tshwanelwa ke go nna le seabe go nyeletsa tiriso ya diritibatsi mo bananeng.
Rre Morake o tsweletse ka go tlhalosa fa ditagi di dira gore ngwana a seka a itse molemo le bosula, a tlatsa ka gore motho fa a le mo diritibatsing o lebala le gore Setswana sa re tlhong botho.
O kaile gore ngwana o tsaya maitsholo a a siameng kgotsa a a sa siamang kwa lwapeng.
A re ngwana o ja se a bonang se jewa kwa lwapeng ka jalo a gwetlha batsadi go itshwara sentle mo matlhong a bana ba bone ka jaana gotwe susu ilela suswana gore suswana le ene a go ilele.
Rre Morake a re batsadi ba tshwanelwa ke go itse gore fa bana ba bone ba ba palela ga se molato wa barutabana ka jalo a kopa batsadi go nna le seabe se se fa godingwana mo go netefatseng gore ba aga bana ba bone gore ba gole ba na le boikarabelo mo setshabeng le mo matshelong a bone tota.
O bile gape a kgothatsa banana go tsaya thuto ya bone ka tlhwaafalo mme ba ikgaphe mo tirisong ya nnotagi le diritibatsi gore ba tle ba kgone go fitlhelela ditoro tsa bone.
Ratoropo wa Gaborone Rre Kagiso Thutlwe ene o lebogile mokgatlho oo thata go bo ba bone go tshwanela gore ba lwantshe tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi mo lefatsheng la Botswana, a supa gore ke ka mekgatlho e e tshwanang le o o banana ba rutiwang ba bo ba engwa nokeng go ikamogela ba bo ba sidilwa maikutlo tebang le dikgwetlho tse ba di raletseng.
Ratoropo a re batho fa ba bopagane ba le ngata e le nngwe ba fenya mathata ba bo ba fitlhelela maikaelelo a bone go le bonolo.
O supile fa nako e tsile gore Batswana ba eme ka dinao go kganela le go kgala ba menne phatla tiriso ya diritibatsi le gone go kganela go tsena ga tsone kwa melelwaneng e se ka fa molaong.
O rotloeditse Batswana go loma mapodisi tsebe tebang le ditiro tsa borukutlhi tse ba di bonang mo tikologong ya bone a supa fa go sena ope yo o fetang molao e bile go se motho ope yo o ka o huhumelang a re molao o tla diragadiwa mo go bao ba ba ditlhogo di thata e bile ba inaakantse le borukutlhi go senya lefatshe
Ratoropo a re pharologanyo e dirwa ke batho mme e bile tshenyo e dirwa ke batho ka jalo a kopa setshaba go ikgethela go dira pharologanyo e e tlaa ungwelang lefatshe la Botswana, a tlatsa ka gore batho ba tshwanetse ba sokologela kwa tshiamong ba ikgaoganya le bosula. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bontle Keikepe
Location : Gaborone
Event : Bokopano
Date : 19 Oct 2015






