Breaking News

Obamelang melao - Batshu

19 Oct 2015

Tona wa lephata la pereko le selegae, Rre Edwin Batshu, a re go obamela molao e tshwanetse ya nna boikarebelo jwa Motswana mongwe le mongwe.

Fa a buisa banni ba metse ya Tshesebe le Themashanga mo kgaolong ya Bokone Botlhaba bosheng, Tona Batshu o ne a gwetlha Batswana go obamela melao e e tsamaisang lefatshe, a re seo se ka thusa go dibela kagiso.

A re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse a leka bojotlhe go rata le go dibela lefatshe leno ka gotlhe mo a ka go kgonang.  

Tona Batshu a re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a nne le seabe mo go diragatseng se se umakiwang mo pineng ya setshaba, a re pina eo, ke sone sekano sa lefatshe ka jalo ba seka ba e tsaya lolea.

Go ntse go le foo, Rre Batshu, yo gape e leng mopalamente wa Nkange, o ne a tlhatlhelela banni ka ditirelo tsa lephata la gagwe, a re o bone go tshwanela gore a tsamaye a lekodisa batho ka ditirelo tse ba di neelwang ke maphata a a welang ka fa tlase ga lephata la gagwe le go bona gore a ditirelo tseo di goroga sentle kwa setshaben

O ne a gakolola banni ba metse eo, go kwadisa ka fa molaong leso lengwe le lengwe le le diragalang mo malatsing a le masome a mararo, a tlatsa ka gore ngwana mongwe le mongwe yo o tsholwang le ene o tshwanetse a kwadisiwa le go direlwa setlankana mo malatsing a le masome a marataro.

 Rre Batshu a re kwadiso eo, e botlhokwa thata ka e thusa puso mo go logeng ditogamaanong tsa ditlhabololo tsa lefatshe di tshwana tsa thuto, botsogo le tse dingwe.

Mo go tse dingwe, tona o tsweletse a kopa batsadi go direla bana ba bone ba ba digelang dingwaga tse di lesome le borataro dikarata tsa Omang, ka Omang e le one lotshwao le selotlolo sa botshelo jwa Motswana mongwe le mongwe, a re Omang o tshwanetse a dirwa mo malatsing a le masome a mararo ngwana a sena go digela dingwaga tseo.

 Banni ba metse eo, ba ne ba lekodisa tona ka matshwenyego mangwe a ba nang le one mo metseng ya bone

 

jaaka tlhaelo ya metsi, kanamiso ya motlakase, seemo sa ditsela le tse dingwFa a araba mabapi le matshwenyego a banni, modiri go tswa mo lekalaneng la metsi la WUC, Mme Lesego Ikaneng o ne a tlhalosa fa ba leka bojotlhe go netefatsa gore batho ba bona metsi ka dinako tsotlhe le go tsibogela go dutla gope mo go teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Tshesebe

Event : Phuthego

Date : 19 Oct 2015