Breaking News

Kgokgontsho ya bong e a oketsega

19 Oct 2015

Kgokgontsho e tsweletse ka go oketsega letsatsi le letsatsi mo lefatsheng leno. 

Se se boletswe ke mogolwane wa ofisi ya tsa bong kwa Selebi Phikwe, Mme Atisiah Masasa fa a buisa phuthego ya motse wa Mothabaneng.

Mme Masasa o ne a tlhalosa fa dikgokgontsho tse di diragalang di setse di kokonela puso fela thata. O tlhalositse fa kgokgontsho e ka nna ya maikutlo, e e leng gore motho o a bo a kgobiwa ka dipuo kana go sotlwa, mme seo se utlwise mowa wa motho yo mongwe botlhoko. 

A re kgokgontsho e nngwe ke ya dikiteo le gone go bolaana tota. 

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa dipatlisiso di supa fa dipalo tse dintsi tsa batho ba ba kgokgontshiwang e le tsa bomme ka go supagala fa bomme ba le masome a marataro le botlhano mo lekgolong ba tshelela mo kgokgontshong letsasi le letsatsi mme bontsi jwa dikgokgontso tseo di bakwa ke borre. 

O tlhalositse fa dipalo di supa fa  borre ba ba fetang masome a a robang bongwe mo lekgolong ba kgokgontsha bomme. Mme Masasa a re bontsi jwa bomme ba a betswa,fa ba bangwe ba bolawa.

Mme Masasa o kaile fa bontsi jwa bomme mo Botswana ba tshela le mogare wa HIV fa go tshwantshangwa le dipalo tsa borre, ka jalo a kopa bomme gore ba seka ba ikaega thata ka borre ka bangwe ba bone ba dirisa go ikaega moo go ba kgokgontsha. 

O kopile bomme go ikopela mananeo a nyeletso lehuma go tlhabolola matshelo a bone.

 O tlhalositse fa le bone kwa ofising ya bone ya Gender Affairs ba thusa baikopedi ba ba ipopileng ditlhopha mme bontsi e le bomme mo teng le baikopedi ba ba dingwaga tse di masome mararo le botlhano kana go feta ka madi a a kanang ka P250.000 go itshimololela dikgwebo.

Fa a ntsha la gagwe kgosi ya motse wa Mothabaneng, Rre Bethuel Machete o ne a gakolola morafe bogolo jang banana ba ba neng ba tsene phuthego eo gore ba ilthokomele  ka go ikgapha mo dilong tsa botlhoka-tsebe se ko phelelong ya letsatsi di ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng.

O tlhalositse fa gantsi banana bogolo jang ba bomme  ba sa rate go iperekela mme ba beile mo goreng borre ke bone ba tlaa ba direlang, mme seo ka dinako dingwe go bake gore borre ba felele ba keteka bomme ba go nna jalo fa wa rre a re lorato lo fedile mme wa mme a gana go dumelana le seo a lebile gore monna ke ene a mo direlang sengwe le sengwe. 

O gakolotse batsadi gore ba emise go ja ka bana le go ba raela ka go ba ruta fa banna e le fela ba ba nang le madi le dikoloi tse tota ba sa itseng gore motho wa go nna jalo o di dirile jang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Coleen Machete

Location : Mothabaneng

Event : Phuthego

Date : 19 Oct 2015