Dibuka tse di dirisitsweng di jesa Dineo
19 Oct 2015
Methale ya go itirela e mentsi mme mongwe wa yone o bonwe ke monana wa kgotla ya Boseja kwa Maun, Mme Dineo Petrus yo o rekisang dibuka tse di dirisitsweng.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Petrus o tlholositse fa dibuka e le tsa gagwe tse a neng a di reka go di bala ka e le motho yo o ratang go bala thata. Mme Petrus o boletse fa a simolotse kgwebo ya gagwe mono ngwaga mme a rekisa ka mafelo a beke fela.
O supile fa go rekisa ka nako eo go ne go sa mmusetse e bile bareki ba di batla thata le mo gare ga beke, ka jalo a bona go le botlhokwa go rekisa malatsi otlhe.
Dingwe tsa dibuka tse Mme Petrus a di rekisang ke tse a ne a di dirisa kwa sekoleng, fa dingwe di akaretsa dibukana tsa Kutlwano, Soul, le Drum fa tse dingwe a di fiwa ke batho fela mo motseng fa ba sena go fetsa ka tsone.
O supile fa e le motho yo o ratang go bala thata e bile a rata gore a kgaogane se a se badileng le yo mongwe ka go mo rekisetsa.
“Fa dikgang di fetilwe ke nako ga se gore ga di kake tsa balwa gape, yo o sa di balang mo go ene ke dikgang, ke dumela fa dikgang di sa bole, ka jalo ke sa ipone tsapa go rekisa dibuka tse dikgologolo,” ga tlhalosa Mme Petrus.
A re go rekisa go tsamaya fela sentle ka a rekisa ka ditlhwatlhwa tse di siameng, mme o kaile fa bothata e nna fa motho a batla dibuka tse a senang tsone, mme go bo go mo tsaya nako e telele go di batla mo bathong fa gongwe a di tlhoke.
“Kgwetlho e nngwe ke fa ba batla tse ke sa batleng go di rekisa jaaka tse di sidilang maikutlo kgotsa tse di rotloetsang,” a akgela jalo.
O ne a kopa gape gore batho ba mo eme nokeng ka go mo tsisetsa dibuka tse ba sa di diriseng, a re o eletsa go kopa dithuso tsa madi mo pusong gore a bule lebentlele la dibuka.
Mme Petrus o kgothaditse banana go ikemela ka dinao le go nna pelotelele mo dikgwebong tsa bone. A re go rekisa go kgona go sa nna teng dinako tse dingwe, mme ba tshwanetse go iponatsa dinako tsotlhe mo madirelong ka se se ka dira gore batho ba ba sa itseng ka kgwebo ba mo itse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gofenyaone Gabosenkwe
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 19 Oct 2015






