Breaking News

Mabutsane o lela ka ditlhabololo

19 Oct 2015

Banni ba Mabutsane mo kgaolong ya botlhophi ya Jwaneng/Mabutsane le lela ka ditlhabololo tse ba reng di a tlhaela kwa metsing ya bone. Ba boletse fa ditlhabololo tsa Mabutsane di le kwa tlase fa di tshwangtshanngwa le tsa metse e mengwe mo kgaolong ya Borwa. 

Ba boletse jalo mo phuthegong e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Shawn Ntlhaile bosheng.

Mongwe wa banni, Rre Edwin Olefile o tlhalositse fa motse wa bone o na le sebaka se setona sa go oka bagwebi mme go sa kgonagale ka ntlha ya letlhoko la ditlhabololo jaaka motlakase, Inthanete le ditlhaeletsanyo.

A re letlhoko la ditlamelo tsa go nna jalo le dira gore motse wa bone o seka wa kgatlha leitlho la babeeletsi. 

O kaile fa maranyane a Inthanete a ka thusa thata go bapatsa motse wa bone.

Mme Tetlanye Tlhogonyane le ene o ne a kaya fa kokelwana ya motse e e nang le karolo ya pelegi e tshwanentse ya tlhabololwa ka go nna le ba apei ka jaana bomme ba ba belegelang kwa kokelwaneng eo ba bolawa ke tlala ka ba sa fiwe dijo. 

O tlhalositse fa go le botlhokwa go tlhabolola kokelwana e ka gore e amogela balwetse ba metse e e gaufi jaaka Kanaku, Kutuku le Itholoke. 

Mme Tlhogonyane o ne  a ikuela mo go mopalamente gore ba sa le ba solofeditswe ngaka ya meno le kgokelo ya maranyane a inthanete kwa ofising ya metlobo wa dibuka ya motse mme naka kgolo ke eno ga go ise go diragale sepe.

Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Ntlhaile o ne a dumalana le banni mme a ba tlhalosetsa fa ditlhabololo di diriwa go lebilwe dipalo tsa batho.

Rre Ntlhaile o ne a gwetlha badiredi ba maphata go nanosa dinao go fa banni ditirelo gore ba akole mananeo le tshwanelo ya bone ya go dirisa meamuso ya puso. 

Mopalamente o ne gape a bolelela banni fa go na le molao o mosha o o ba tlamang go kgethela leruo la bone kwa matlhabelong a Botswana Meat Commisssion, e le tsela nngwe ya go thusa gore matlhabelo ao a seka a phutlhama ka jaana barui ba ikaegile ka one. 

O ne gape a tlhalosa fa manokonoko a itsholelo a pateleditse gore puso e fokotse ditshenyegelo le tiriso ya madi ka moo bodiredi bo tlhaela mo maphateng mangwe a puso.

 O kopile banni go nna pelotelele ebile a kaya fa se e le sone sebaka se setshaba se ka se dirisang go tlhama dikgwebo tse di tlaa arabang tlhaelo ya ditirelo dingwe tse puso e ntseng e di fa setshaba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segomotso Lemme

Location : Mabutsane

Event : Phuthego

Date : 19 Oct 2015