Nkgwang ga a ipone tsapa
19 Oct 2015
Le fa letlhoko la metsi le apere lefatshe leno, se ga se a ka sa kgoba Batswana bangwe go tsena ka tlhwaafalo mo temong ya merogo. Rre Batlotli Nkgwang wa Moshupa ke mongwe wa Batswana ba ba duleng ka methale ya go lema temo e e somarelang metsi.
Rre Nkgwang yo o dingwaga tse di masome a mararo le borataro,o lema temo e e pharologano thata e bile e sa tlwaelesega ka a lema merogo mo mmung o o aletsweng polaseteke.
E rile fa bua mo potsolotsong bosheng, Rre Nkgwang o ne a tlhalosa fa a simolotse go lema merogo ka 2011 ka lenaneo la nyeletso lehuma. A re o ne a lemoga fa ditlhwatlhwa tsa metsi di le kwa godimo thata e bile le letlhoko la metsi le le legolo ka jalo a tokafatsa temo ya gagwe ka go lema mo mmung oo aletsweng polaseteke.
Rre Nkgwang o tlhalositse fa mothale o wa temo o somarela metsi ka o dira gore bongola bo tseye lebaka go kgala mo dijwalong ka polaseteke e a e dirisang e kganela metsi go fetela kwa tlase ga lefatshe ka bonako.
A re temo ya go nna jaana e siametse merogo ka go farologana le dijwalo tse dingwe tsa medi e e seng meleele.
Rre Nkgwang yo o lemang merogo le ditamati thata ka di le bogadi bo gaufi o tlhalositse fa a sa e ela temo ya go nna jalo sekoleng mme a dira fela ka botlhale jo a bo filweng ke Ramasedi.
“Temo e ke e dira go tsweng boteng jwa pelo yame ka ke rata tiro ya diatla”, a tlhalosa. O boletse gore e re le ntswa a fetile dingwaga tsa bonana o tlaa tswelela a inaakanya le mananeo a mangwe a puso go atolosa tshingwana ya gagwe.
Le fa go ntse jalo, Rre Nkgwang o tshwenngwa thata ke gore o rekelwa fela ke bao ba ba nnang go bapa nae ka bontsi ba batho ba le kgakajana nae. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thabang Tlhomamisang
Location : Moshupa
Event : Potsolotso
Date : 19 Oct 2015






