Maele o lekodisa banni ka ditshwetso tsa puso
19 Oct 2015
Mopalamente wa Lerala/Maunatlala o lekodisitse banni ba Lecheng le Malaka ka ditshwetso dingwe tse puso le palamente e di tsereng.
Nngwe ya dikgang tseo, go ya ka Rre Prince Maele ke gore molawana o o akantsweng wa taolo ya tsa itshireletso ya baba ikemetseng (Private Security Bill) o buisantswe wabo wa tsenya ditsetlana tsa thutuntsho le go bafa dithata tsa dikgoka tse baka didirisang, le gone gore maitsholo a bone e nne a a letlelesegang.
Fa a bua ka molao wa lekgetlho (Income tax amendement bill) are le one o bakantswe fale le fale.
Mabapi le dikgang tsa leuba, a re balemi barui ba ya go fokoletswa dituelo tsa madi a kadimo kwa CEDA ka 85 per cent, dijo tsa leruo tsone di fokoditswe ka 25 per cent, fa bana ba dikole tse dikwa metseng ya tenyana a teng le bone baya go jesiwa gabedi mo letsatsing, bana ba dingwaga tse di kafa tlase ga botlhano le bone fela jalo ba ya go fiwa dijo tse di okeditsweng.
Mo go tsa nyeletso lehuma, Rre Maele a re e puso e eme ka dinao go lwa le melala ya gotswa ka 2011 go fitlha jaanong pele goka ka tswelelwa ka lenaneo leo. O ile a tlhalosa gape ka tsamaiso ya di dikomiti tsa ditlhabololo a re jaanong di fa mongwe le mongwe sebaka sa go ka nna leloko lefa a tshwere katlha engwe.
O ile a rotloetsa banni ba metse eo go ema ka dinao, go dira mogotweng mosele wa pula o epiwa gosale gale, ka gosimolola jaanong go kgobokanyatse boipuso jo bo tlang, mme a bakopa gore a ere ba dira jalo ba segele kwa tlhoko ditiro tsa bone tsa selegae ka letsatsi la boipuso, le gone gore a ba boketekele mo mo kgotleng e tona botlhe.
Rre Maele, yo gape e leng Tona wa Ditsha le Matlo, a re puso e dirile gotlhe go tokafatsa mananeo a banana, a re fa banana ba ikopantse ka fa tlase ga lenaneo la Youth Development Fund (YDF), ba ya go neelwa P100 000 mongwe le mongwe wa bone, gona le jaaka pele ba ne ba neelwa P450 000 fa ba feta botlhano.
A re banana ba dikgwebo tse diitshetetseng ba ya go thusiwa gape fa godimo ga thuso ya ntlha e ba e neetsweng go godisa dikgwebo tsa bone , mme ba ntse ba busa sephato sa madi ao.
A re go godisa kgwebo kana go e atlolosa, goya go thusiwa ka P500 000 fela eseng go feta foo.
O ne gape a re lenaneo la Young Farmers Funds, le fetotswe gonna Young Entrepreneurship Fund, ka maikaelelo a go akaretsa tsotlhe tse di amang kgwebo, gona le goitebaganya le tsa temo fela jaaka gone gontse lentlha.
Tona Maele o ne gape are banana ba ya go neelwa 30 per cent wa ditirelo tsa ditiro tse ditlaa abiwang, gape ga ba na go duela madi a dipeeletso, ga bana go duelela theko ya ikopelo ditiro kafa tlasa ga lenaneo la PPADB (tenders) gape baya gofiwa dingwaga tse tlhano basa duelele (lease) mme a kopa banana go le aramela le santse le batlhabetse go tsaya sebaka se go inaakanya le mananeo a ba afiwang ke puso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Oct 2015






