Breaking News

Ofisi e isa ditlamelo kwa bathong

18 Oct 2015

E re ka dikgaolo dingwe di le kgakala le ditlamelo, ofisi ya ga molaodi kwa Letlhakeng e bone go le botoka go latedisa batho ditlamelo. 

E rile a bua mo potsolotsong bosheng kwa  Moshaweng ka letsatsi la go isa ditlamelo kwa bathong, motshwarelela molaodi wa kgolo-potlana ya Letlhakeng Rre Boammaaruri Otlhogile a tlhalosa fa e se Batswana botlhe ba ba nang le ditsompelo go ya go fitlha kwa ditlamelo di leng teng, ka jalo ba bone go le molemo gore ba etele dikgaolo tseo le ba diofisi tse di farologaneng gore batho ba kgone go bona ditlamelo gaufi. 

Rre Otlhogile o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go etela metse e le metlhano mo dikgweding tse tharo. 

O supile fa diofisi di akaretsa ya pereko le selegae di tlhaelelwa ke bodiredi ka e na le badiri ba le babedi fela mme se se dira gore go nne bonya go thusa morafe ka kakaretso. 

A re ka jalo go latela batho kwa ba leng teng go ka thusa diofisi di tshwana le eo go fitlhelela batho ba le bantsi.    

E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Kagiso Bafitlhile a tlhalosa fa ba lebogile go menaganye go bo maphata a puso ba bone go le botlhokwa go etela motse wa bone ka e bile o le kgakala gape go sena dipalamo. 

O bile a supa fa ofisi ya Omang e le yone batho ba e tlhokang thata ka batho ba le bantsi ba sena bo Omang ga mmogo le gone go direla bana ditlankana tsa matsalo. 

O supile fa bontsi jwa batho ba sa bereke mme se se dira gore go nne thata gore ba etele diofisi fa ba na le bothata. O tsweletse ka go supa fa ba itumetse thata go bo ofisi e bone go le maleba go ba etela mo motseng wa bone le go tsisa ditlamelo kwa go bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 18 Oct 2015