Breaking News

Mooki kwa Otse o akgola Men Care

18 Oct 2015

Mooki  wa kokelwana ya Otse kwa Legare, Rre Lesego Mpodi, o akgotse mokgatlho wa Men Care go bo o rutile borre ba kgaolo ya gagwe ka kgodiso ya bana. Rre Mpodi o buile se kwa moletlong wa go alosa borre ba le lekgolo  le masome a matlhano ba kgaolo ya Mahalapye bosheng.

A re morago ga gore Men Care e rute borre ka botlhokwa jwa go nna le seabe mo kgodisong ya bana, ba bone borre  ba na le  seabe fela se se bonalang mo kgodisong ya bana ba bone.

Rre Mpodi a re pele ga dithuto tse, ba ne ba tshwaragane le bothata le borre ka ba ne ba le maoto a tshupa go tsena dithuto tsa botsogo, go itlhatlhobela mogare, go tsaya tsa boipemelo le go thusana le bakapelo ba bone ka tlhokomelo ya bana.

A re go belegelwa ga bana kwa malwapeng go ne go le gontsi ka borre ba ne ba nna fela le bakapelo ba bone kwa merakeng mme ba ise ngwana kwa kokelwaneng fela a lwala.

Fa a tswa la gagwe mongwe wa dialogane, Rre Olepolotse  Othuseng, a re morago ga dithuto tse, o kgonne go nna le seabe mo kgodisong ya ngwana wa gagwe.

Rre Othuseng a re o kgona go isa ngwana wa gagwe kwa kokelwaneng, go mo tlhatswetsa le gone go mo tlhapisa tota.

O ne a gakolola dialogane ka ene gore boikarabelo jwa ngwana ga bo mo go mmangwana fela, a tlatsa ka gore  borre ba emise go nna ditau mo baneng mme ba fe bana ba bone lorato.

Rre  Othuseng a re o gakolola borre ba bangwe ka kgodiso  ya bana ka ene a setse a na le botsipa ka o rutegile.

A re ga a sa tlhole a kopana le borre fela go buiwa ka dilo tse di duleng mo tseleng jaaka go ya go nwa bojalwa mme o ba rotloetsa go nna le seabe kwa malwapeng.

Rre Ontlametse Mpaku wa Men Care a re maikaelelo a mokgatlho wa bone ke go ruta borre ba ba solofetseng botlhokwa jwa go nna teng ga bone mo kgodisong ya bana go tswa fela ka nako ya fa mme a ima.

A re dikgwetlho tse ba kopanang natso ke ngwao ka gore batho ba dikgaolo tse dingwe ba santse ba dumela thata mo go yone. Rre Mpaku  a re o leboga ba UNFPA go bo ba ba eme nokeng ka nako tsotlhe mo dithutong tse ba di fang borre lefatshe ka bophara. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ofentse Lemogang

Location : Mahalapye

Event : Molelo wa kaloso

Date : 18 Oct 2015