Breaking News

Mmakaseterata o rotloetsa Re a nyalana

18 Oct 2015

Mmakaseterata kwa Molepolole, Rre William Modise o rotloeditse setshaba go dirisa lenaneo la Re a Nyalana ka a re le ka thusa mo go fokotseng dikgang tse di tshwenyang tsa go nna mmogo ga baratani ba sa nyalana.

Rre Modise o ntshitse tlhotloetso e, kwa dithuto-puisanong tsa twantsho kgokgontsho ya mo malwapeng tse di neng di tshwaretswe kwa Takatokwane kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng bosheng.

Rre Modise a re go botlhokwa gore baratani ba ba saleng ba nna mmogo ba sa nyalana e bile e le bagolo ba le dirise gore ba felele ba nyalane ka fa molaong gore ba sirelediwe ke molao.

O kaile fa gantsi ba kopana le dikgang tse mo go tsone masika a kgonang go rontsha bana boswa fa mongwe wa batsadi ba bone a ka tlhokafala mme ba ne ba sa nyalana.

Rre Modise a re lenaneo la Re a Nyalana le ka thusa thata go rarabolola  dikgang tsa mothale o, ke gone ka moo a rotloetsang setshaba go inaakanya le lone e bile ka gape le le motlhofo go netefatsa gore batho ba a nyalana.

O ne gape a gakolola basha ba ba tsenang mo manyalong a masha ba tla ka bana, go batla dikgakololo tse di tseneletseng mo barutabaneng, ba boipelego le makalana a mangwe ka a re bontsi jwa nako bana bao ba iphitlhela ba tshelela mo kgokgontshong.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Modise o gakolotse  setshaba go tsaya molato wa matshosetsi a polao ka tlhwaafalo, mme a kaya fa molato o gantsi o diragala thata magareng ga baratani.

O supile fa mo nakong eno borre e le bone fela ba dirang matshosetsi a polao, mme a ba gakolola gore lefoko la gore ‘ke tlaa go bolaya’ ga le a tshwanelwa go tewa ope e bile fa motho a le teile yo mongwe go na le bosupi jo bo tletseng ga go motlhofo gore o ka falola fa pele ya lekgotla la ditsheko.

Mo go la gagwe, modiredi wa tsa tokafatso matshelo a batho kwa Takatokwane, Mme Maureen Lefifi a re ba tshwenyegile ka dikgang tsa petelelo le tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga, mme fela a supa go lebega batsadi ba bipa mpa ka mabele ba sa begele makalana a a tshwanetseng dikgang tse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Thuto puisano

Date : 18 Oct 2015