Moswaane a re botshelo bo tlhoka bopelotelele
19 Oct 2015
Mopalamente wa Francistown Bophirima, Rre Ignatius Moswaane, a re botshelo ke leeto, mme bo tlhoka bo pelotelele. Rre Moswaane buile jalo mo phuthegong e a neng a e tshwere kwa kgotleng ya Kanana kwa Gerald Estates bosheng.
O gakolotse banni fa puso e dira mo e ka go kgonang go tlhabolola Motswana, mme o tlhalositse fa mananeo a banana a le mantsi, a supa fa puso e tshwenyegile e bile e kgathala ka matshelo a bone.
Rre Moswaane o rotloeditse banana go ikemela ka dinao, le go ikakanyetsa ka go tsaya kgato ya go intsha mo manokonokong a lehuma ka go etela ofisi ya gagwe go kopa thuso ka one mananeo ao. O buile gore banana bangwe ba tsaya lenaneo la Tirelo Setshaba e le tshotlego, a tlatsa ka gore lenaneo leo ke tsela nngwe ya gore banana ba ithute tiro le go nna le kitso ya mo tirong.
Rre Moswaane o ne a gatelela gore morafe o tlhabolole metse ya bone go supa fa ba ikemiseditse go nna setshaba se se itirelang e bile se kgathala ka matshelo a bone.
O supile fa ditiro dingwe tsa ditlhabololo di tlaa isiwa kwa kwa Gerald, ka jalo morafe o itepatepanye le seo ka go supa fa le bone ba le mo seemong sa go amogela ditlhabololo tseo.
Fa a amogela baeng, Kgosi Paul Motshwane wa kgotla ya Gerald o supile matshwenyego ka boitsholo jwa morafe wa gagwe.
Kgosi Motshwane a re morafe wa Gerald o ikgaogantse go nna makgamu a mabedi a re boitsholo jwa bone bo ka rotloetsa borukutlhi.
O tsweletse a re dikgotla tsa Kanana le Moselewapula di itirile digogela thoko a re fa ba dira jalo ba dira gore ditlhabololo di nne thata go goroga. Kgosi Motshwane a re o ikemiseditse go etelela morafe o o tshwaraganeng e bile o utlwana, a tlatsa ka gore ke kgosi ya motse wa Gerald o o okametseng dikgotlana tseo ka bobedi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : Francistown
Event : Phuthego
Date : 19 Oct 2015






