Breaking News

Kabo ya dithendara e tsamaisiwa sentle

18 Oct 2015

Mogolwane kwa khamphaning ya GNS Civils o akgotse lephata la ditsela mo kgaolong -potlana ya Letlhakeng  ka fa ba tsamaisang ikopelo ditiro tsa go dira ditsela ka teng. 

E rile a bua mo potsolotsong bosheng kwa Khudumelapye kwa ba neng ba ile go bontshiwa tsela ya Letlhakeng/Khudumelapye, Rre Oesi Tidimane o ne a akgolela lephata leo tsamaiso ya lone ya go ba bontsha ditiro tse ba batlang gore di ikopelwe ka jaana go tlaa ba fa lesedi la dikgwetlho tsa tiro eo pele ga ba e kopa.

Rre Tidimane o tlhalositse fa dikhamphani ka bontsi tse di ikopelang ditiro tsa go tshela ditsela karabole e le tsa banana mme phadisanyo e le mashetla ka jaana di le dintsi.   

O tsweletse ka go supa fa bukana e e rekisiwang ya dithendara e e supang gore go rekisiwa kae leng e le botlhokwa thata ka e supa se rakonteraka a tshwanetseng go se dira e bile go ka dira gore mongwe le mongwe a kgone go nna le sebaka sa go ikopela tiro go sena sekgoreletsi sepe.

O kaile fa go tsamaisa kompone go le bokete ka bontsi ja dikompone e le tsa banana mme sebe sa phiri e le gore bontsi jwa tsone di simolela mo legoelelelng go sena madi, selo se a reng se dira gore di goge bokete. 

E rile a tswa la kgothatso Rre Tidimane a kopa beng ba dikonteraka botlhe go nna dipelo di telele ka e se mongwe le mongwe yo o ka thapiwang go dira tiro.

O tsweletse ka go kopa beng ba dikonteraka go kopa dithuso mo go ba ba kileng ba kgona go dira ditiro tsa mofuta oo ka dilo makwati di kwatabolotswa mo ga ba bangwe. O supile fa go ikopanya ga bone go ka ba tswela mosola ka e bile go ka ba fokoletsa ditshenyegelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 18 Oct 2015