Batsadi ga ba tsibogele tlhabololo ya thuto
18 Oct 2015
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mosielele kwa Moshupa, Rre Mogorosi Kenosi, a re ga a itumedisiwe ke batsadi ba ba tsayang tlhabololo ya thuto lolea. Rre Kenosi o buile mafoko a kwa phuthegong ya batsadi le barutabana bosheng.
A re maiteko a sekole a gore bana ba lekwalo la borataro le bosupa ba tsene dithuto ka malatsi a boitapoloso a tswelela ka go folotsa ka go tla palonyana fela e e tsenang mo seatleng ya baithuti.
Rre Kenosi a re ke tshwanelo ya batsadi go ema bana nokeng ka dinako tsotlhe gore ba tshwaraganele thuto ya bana le barutabana.
“Batsadi ba tshwanetse go nna le seabe mo thutong ya bana ka e le yone konokono mo matshelong a bone.”
Rre Kenosi o tlhalositse fa sekole sa Mosielele se tlhophilwe go lekeletsa lenaneo la bananyana ba ba iseng ba simolole lekwalo la ntlha mo dikoleng tse dipotlana.
A re lenaneo le le tlaa simolola ka ngwaga wa 2016, mme ba tlaa amogela bana ba ba dingwaga tse nne le sephatlo.
E rile fa a lekodisa batsadi ka sekole, mothusa mogokgo, Mme Bontleeng Ntwaetsile a bolela fa a tshwenyegile thata ka bana ba sekole ba dira sentle go simolola ka lekwalo la ntlha go tsena kwa go la bone mme la botlhano go tsena ko go la bosupa maduo a sa jese diwelang.
Mme Ntwaetsile o kgadile batsadi ba ba ikgatholosang go duela madi a ditlhabololo tsa sekole; selo se a reng ke poelo morago.
A re palo ya bana ba ba sa duelelwang ka ngwaga wa 2014 ke makgolo a mabedi le masome a mane le bobedi, fa ba ba dueletsweng ba le makgolo a mararo le boraro mme ba le lesome le bosupa ba duetse bontlha bongwe fela.
Fa a akgela, mongwe wa ba tsaya karolo mo phuthegong eo, Rre Ben Ben o ne a kopa mogokgo gore le fa batsadi ba ka tlhoka go duela, bana ba seka ba siisiwa dithuto ka go busediwa gae.
E rile fa a ba kgwa dikgaba, Rre Kenosi a tlhalosa fa sekole se kwalela batsadi gore ba duele e seng go busetsa bana kwa malwapeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thabang Tlhomamisang
Location : Moshupa
Event : Phuthego
Date : 18 Oct 2015






