Breaking News

Bopelotelele bo a busetsa - Selotlego

18 Oct 2015

Bopelotelele bo ntshitse Mme Sebene Selotlego mo lehumeng. Mme Selotlego, yo o tlholegang mo kgotleng ya Selotlego kwa Kanye, o tlhalositse fa lehuma e le selo sa maloba mo go ene morago ga go fiwa lenaneo la tshingwana ya merogo ka 2007 ke ba nyeletso lehuma.

Mme Selotlego o lema morogo wa sepinichi thata ka o sa ratwe ke diji. 

O tlhalositse gape fa a lema ditamati tse a dinosang gabedi ka letsatsi e le tsela nngwe ya go lwantsha diji. O tlhalositse fa gompieno tshingwana ya gagwe e kgabile ka botala selo se a reng ke ka ntlha ya bopelotelele.

Le fa go ntse jalo, Mme Setlogelo o boletse fa  metsi e le kgwetlho e kgolo mo kgwebong ya gagwe. 

Mme Selotlego, yo o dingwaga di masome marataro le botlhano, o buile gape fa kgwetlho e nngwe e a kopanang le yone e le diji. A re tse tsotlhe ga dina go mo kgoba marapo ka tshingwana e e le yone e e mo tshetsang le ba lelwapa la gagwe. 

A re o leboga segolobogolo puso e a reng e tiro e ntle ya go lere mananeo a tshwana le a masingwana a merogo go namola Batswana lehuma.

 O rotloeditse Batswana gore ba seka ba kgobega marapo fa kgwebo tsa bone di sa dire sentle kwa tshimologong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 18 Oct 2015