Men Care e alosa borre
18 Oct 2015
Borre ba kgaolo ya Mahalapye ba le lekgolo le masome a matlhano ba ne ba aloga morago ga go tsena dithuto tsa go nna le karolo mo kgodisong ya bana ba bone le go thusa bakapelo ba bone ka ditiro tsa mo lapeng.
E rile a bua kwa moletlong wa kaloso, mookamedi wa lekgotla la Men Care, Rre Desmond Lungah, a re ithutuntsho e e simolotse ka kgwedi ya Motsheganong monongwaga.
Rre Lungah a re moono mogolo wa dithuto tse e ne ele go ruta borre go ka nna le seabe mo kgodisong ya bana ba bone le go thusa ka ditiro tsa mo lwapeng go hema kgokgotsho ya bomme.
Moitseanape wa tsa bong kwa United Nations Population Fund ( UNPF), Mme Kealeboga Dambuza o ne a rotloetsa dialogane gore ba tsepame mo go se ba se ithutileng, ka ba tlaa kopana le dikgwetho fa ba diragatsa se ba se ithutileng.
Mme Dambuza a re dithuto di ne di itebagantse le borre ga di a tlwaelesega mo setshabang ka go le gantsi go rutiwa bomme le bana ba basetsana.
A re ngwao ke selo se se fetogang e bile ga go a tshwanela gore e re rre a belege ngwana kana a mo isetse kokelong a bo a sa lebiwe sentle.
O ne a gakolola dialogane gore ba se lebele ngwao ko tlase mme ba rute ba bangwe gore e a fetoga le dingwaga mme ba tshwanetse fo fetoga le yone.
O ne a lebogela dithuto tse, a kaa fa di tla a dira dtiro ya lephatla la gagwe motlhofo ya go rotloetsa boimana jo bo baakanyeditswe le pelegi e e babalesegileng mme se se ka diragala fa go na le therisanyo mo lapeng.
Dialogane di ne tsa supa fa ba ithutile go le gontsi mo dithutuntshong tse ka jaanong ba itse gore rre fela jaaka mme o ka godisa ngwana.
Ba re ba ithutile gore go tisa madi mo lwapeng ga go a lekana, ba tshwanetse go dira go feta foo go supa gore ba a kgathala. Ba re ba ithutile go tsaa dikgakololo mo go ba bangwe fa ba na le mathata le go botsa fa ba sa tlhaloganye gore ba nne le kitso.
Ba ne ba tlhalosa gore bokopano jo bo ba thusitse go ithuta mo go ba bangwe ka nako e ntsi ba kopanela ko dibareng, le mafelo a mangwe a a sa ba sologeleng mosola. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Barati Masigo
Location : Mahalapye
Event : Moletlo wa kaloso
Date : 18 Oct 2015






