Breaking News

Emisang go nosa leruo metsi a setshaba

19 Oct 2015

Mogolwane wa Water Utilities kwa Palapye, Mme Daphney Motsumi, o kopile banni ba Radisele, Mogome, Mokgware le Topisi mo kgaolong ya Legare go emisa go nosa leruo metsi mo dipompong tsa setshaba.

Mme Motsumi o dirile kopo e bosheng morago ga gore banni ba metse eo ba bolele fa ba na le  dibeke tse nne ba tlhaelelwa ke metsi mo ebileng ba sielwa metsi ka dikoloi go tswa Palapye.

A re e re ka jaana didiba tse di ntseng di nosa metse eo jaanong metswedi ya tsone e ya kwa tlase, o kopa banni ba metse eo ga mmogo le ba metse e e mo tikologong go emisa go nosa leruo metsi a a tswang mo dipompong tsa setshaba ka go dira jalo go le kgatlhanong le molao wa tiriso ya metsi.

Mme Motsumi a re le fa ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhaela ga metsi, ba tshwere ka bojotlhe go isetsa  metse eo metsi ka dikoloi go tswa Palapye, mme a re ka ntlha ya tlhaelo ya dikoloi ba isetsa metse eo metsi ka go tlodisa.

O ikuetse mo bathong ba ba itshetsang ka go dira majalwa a Setswana, go iketlela go dira majalwa a go nna jalo ka jaana le one a dirisa metsi a mantsi a a ka bong a didirisiwa go nowa ke setshaba.

E rile a bodiwa mabapi le didiba tse di epilweng kwa Bikwe tse di tshwanetseng go nosa metse ya Mokgware, Mogome le Radisele, a tlhalosa fa tiro ya didiba tseo e dirwa ke ba lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, mme a bolela fa mo nakong ya gompieno lephata la dikgaolo ba ise ba rolele koporase ya Water Utilities tiro eo semmuso.

Mothusa mogokgo wa sekole se segolwane sa Radisele, Mme Mavis Good le mooki wa kokelwana ya motse oo, mme Matlhodi Moitloi ga mmogo le kgosi Kakanyo Botoka, ba tlhalositse fa tlhaelo ya metsi e kgoreletsa ditiro di tshwana le thuto ya bana le go baka go sha ga merogo kwa masingwaneng.

Mme Good o boletse fa sekole sa Radisele se na le baithuti ba le makgolo a marataro, mme mo go bone ba le makgolo a mararo ba nna mo sekoleng fa ba le makgolo mararo ba nna mo motsing. Barutabana bone ba masome mane le borobabobedi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Radisele

Event : Phuthego

Date : 19 Oct 2015