Breaking News

Letshololo le tlhasetse baithuti

18 Oct 2015

Baithuti bangwe ba sekolo se segolwane sa Mmashoro ba tlhasetswe ke letshololo. Se, se boletswe ke motshwarelela mogolwane wa thuto mo kgaolong ya legare, Rre Kereng Koko.

A re ba amogetse pego bosheng e e supang gore bana ba le barataro ba tsenwe ke letshololo, mme a re e rile ba tsena kwa sekolong ba fithela bana ba le lekgolo le lesome ba amilwe ke letshololo. Mo baneng ba, ba ba lekgolo ba nna mo sekolong.

Rre Koko a re ba ne ba kopana le bogogi jwa sekolo le baoki kwa kokelong mme baoki ba supile fa go gateletswe  ba  le babedi fela. Bana bao ba kaile fa ba tshabelelwa ke go opiwa ke tlhogo.

Ba lephata la botsogo ba tlhatlhobile ntlo ya boapeelo le matlwana a boitlhomelo ka jalo ba santse ba emetse maduo go itse se se ka tswang se bakile bolwetse jo.

Rre Koko o tlhalositse fa bana ba setse  ba boetse sekolong mme ga go ise go nne le matshwenyego a mangwe gape. 

Mogokgo wa sekolo, Rre William Ndwapi, o ne a tlhalosa fa a ka seke a akgele ka ka kgang e,  a re boikarabelo joo bo neetswe  bogolwane kwa ofising ya kgaolo kwa Serowe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 18 Oct 2015