Molao ga o sireletse ba ba nnang ba sa nyalana
15 Oct 2015
Molaodi wa Letlhakane o kgadile mokgwa wa baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana a re mokgwa o, o a tshwenya ka molao o sa sireletse batho ba go nna jalo.
Molaodi Sebokwane Mosweu o ne a tlhalosa gore dikgang tsa go nna jalo di golela pele mo motseng le ntswa batho ba kgalemelelwa go dira jalo gangwe le gape.
A re ga go na molao ope o o sireletsang batho ba go nna jalo e bile a supa gore basadi ke bone ba ba tlang go ikuela kwa go bone. Molaodi o ne a re gantsi basadi ba tla kwa go bone ba gogomogile maikutlo mme ofisi ya gagwe e ba thusa ka go ba sidila maikutlo le go ba fa dikgakololo.
Mme Mosweu o tsweletse ka go tlhalosa gore gantsi fa batho ba kgaogana mme ba na le bana, ba ba gakolola go ya kwa ga mmakaseterata gore borre ba kgone go tlhokomela bana.
A re basadi ba ka isa kgang kwa ga mmakaseterata go sekisa banna fa ba akanya gore ba ba dietse nako.
O gakolotse setshaba go tsena mo nyalong ka gobo nyalo e fa motho seriti. A re monna yoo nyetseng o nale seriti sa gore bana ba dirisa sefane sa gagwe e bile o kgona go laola ba lelwapa la gagwe ka tshosologo.
Go ya ka Kgosi Ewetsemang Retlhatloleng wa Letlhakane, go matshwanedi gore batho ba ka simolola ba ratana ka se e le tsela ya go itsane a re mme go ya ka ene go ratana ga go a tshwanela go tsaya lebaka le le leele mo bana ba felelang ba tsholwa kwa ntle ga lenyalo.
Fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, Kgos Retlhatloleng o tlhalositse gore dikgang tsa mofuta o di a tshwenya ka gore batho ba ba nna mmogo ntleng le ditumalano le botsadi mme e re lorato le fela e nne dintwa.
A re batho ba ba tlang go ikuela ke basadi ba tlhalosa gore ba eletsa go kgaogana dithoto ka ba di bereketse mmogo.
Kgosi a re bone e le ba bogosi ga ba senke dikgang tsa bonyatsi. O tlhalosa gore motho fa a tla go ikuela ko go bone ba batla setlankana sa lenyalo mme ba kopanye botsadi jwa boo babedi go bua kgang.
Kgosi Retlhatloleng o tlhalositse gape gore dikgang tsa go nna jalo di ama bana ba ba tshotsweng ka gore fa monna a tlhokafala, ba masika a monna ba ikgagapelela dithoto tsa moswi mme se se baya bana ka fa mosing.O kgapetse ntle dikgang tsa gore seemo se se bakwa ke gobo mo malatsing a gompieno magadi a tura fela thata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Oageletse Modirwagale
Location : Letlhakane
Event : Potsolotso
Date : 15 Oct 2015






