Breaking News

Tlhokomelang leruo-Tombale

15 Oct 2015

Mookamedi wa matlhabelo a Botswana Meat Commission (BMC) Dr Akolang Tombale, a re o tshwenngwa thata ke tsela e bontsi jwa baruakgomo ba latlhelelang leruo bogolo jang dikgomo mme e re morago ga seo ba bo ba supiwa ka monwana gotwe BMC ga e dire sentle kana gotwe e a palelwa.

Dr Tombale o buile se mo thuto-seka-dipuisanong e e neng e itebagantse le bogodu jwa leruo mme e rulagagantswe ke ba komiti ya twantsho borukutlhi mo Lerala bosheng.

A re dikgomo tse di sa jesiwang omang kgotsa di sena manyena a e leng one bosupi di sega tsebe ka di nyefola maiteko a BMC a go rekisa nama ya Botswana kwa mmarakeng o o botoka gore baruakgomo ba bone dipoelo tse di botoka.

A re fa mebaraka e e ka tswalela nama ya Botswana, kgongwana e e rekiwang ka dikete di le pedi go ya kwa godimo mo nakong e e ka felela e wetse kwa tlase le go feta le bone ba ba dinalanyana ba ka seke ba e kgatlhegele ka e tlaa bo e sena mosola.

Dr Tombale o tsweletse ka gore le fa bangwe ba re ga ba rekisetse BMC, ba tshwanetse ba itse fa ditlhwatlhwa tsa kgomo mono di bewa go lebilwe gore BMC e reka dikgomo ka bokae.

O tlhalositse fa BMC e baya ditlhwatlhwa e lebile gore yone e rekisa nama ka bokae, ka jalo fa barui ba re ga ba rekisetse BMC ba tshwanetse ba itse gore ga gona tlhwatlhwa ya kgomo epe mo lefatsheng leno e e fetang ya BMC.

A re fa mebaraka e tswalwa BMC e  tlaa tshwanelwa ke go fokotsa tlhwatlhwa e e rekang kgomo ka yone, mme se se ame baruakgomo le bareki ba kgomo botlhe.  

Dr Tombale o tlhalositse fa seabe sa matlhabelo a BMC mo go lwantsheng bogodu jwa leruo e le go rotloetsa moono wa puso ka go netefatsa gore kgomo e e tsenang ka matlhabelo ke e e tlhomamisegang e bile e sena selabe sepe.

A re ba dira jaana ka go reka dikgomo tse di jeleng omang mme e bile di bitsa leina la mong wa tsone fa di balwa ka motshine wa bakenti. Dr Tombale o supile gore fa BMC e reka dikgomo e netefatsa gore ba sepodisi ba a ba bo ba le teng dinako tsotlhe go rurifatsa theko le mekwalo /bosupi jotlhe jo bo tlhokegang.

“Jaaka mo nakong eno re phatlaladitse lenaneo la theko ya kgwedi ya Phalane, marekisetso otlhe a re yang kwa go one re patwa ke ba sepodisi le ba matlhoko a leruo mme e bile theko e ka seke e nne teng fa ba seyo,” ga tshwaela Dr Tombale.

A re go bo ba reka kgomo e e tlhomamisegang e bile e rurifaditswe gore ga se ya bogodu go baya nama ya lefatshe leno e e rekisetswang mmaraka wa Europa le e mengwe mo tshiamelong ya go eletswa bobe ke mafatshefatshe.

A re topo ya thekiso ke gore sepe se se rekisiwang e tshwanetse ya bo e le sa boleng jo bo rileng mme e bile o ka se latedisa kwa moding wa sone.

Dr Tombale o boletse gore mebaraka e gatelela gore boleng le bophepa jwa nama bo le nosi ga bo a lekana ka nama eo go tshwanetse ga itsiwe ko e tswang teng le gore ko e tswang teng ga se lefelo le le bokabokelwang ke malwetse a a tshwanang le jwa tlhako le molomo. O ne a supa fa puso e ntse e emelane le go tlhabolola ka fa kgomo e ka rurifadiwang ka teng.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Onalethata Malete

Location : Lerala

Event : Thuto puisano

Date : 15 Oct 2015