Mogokgo o lela ka maitsholo a bana
15 Oct 2015
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Moeng College, Rre Abram Thapedi, a re ga a itumedisiwe ke maitshwaro a bana ba sekole sa gagwe a a bolelang a dule mo taolong. A re barutabana ba sekole sa gagwe ba leka bojotlhe go tsenya bana mo tseleng mme ba itaya se fololetse.
Rre Thapedi o ne a bua jalo kwa kabo dimphong ya sekole sa Moeng bosheng.
O ne a kopa batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekoleng sa gagwe go tshwaraganela le barutabana tiro e tona ya go ba tsenya mo tseleng. A re bana ba sekole sa gagwe ba dule mo taolong gotlhelele ka ba dira ditiro tse di duleng mo tseleng e bile ba sa tlhoafalela dithuto.
A re bangwe fa dithuto di tsweletse ba a robala fa bangwe ba kgona go ngwega mo sekoleng mme ba bangwe ba utswela ba bangwe mo matlong a borobalo.
Rre Thapedi a re tiragalo nngwe e e neng ya mo utlwisa botlhoko bosheng ke e bangwe ba baithuti ba neng ba tlhaga mo sekoleng dithuto di tsweletse ba ya go bolaya kgwathe kwa morakeng mongwe.
A re bogogi jwa sekole bo ne jwa dira maiteko a go ya go ba batla mme ba fitlhela ba apeile kgwathe kwa morakeng o beng ba one ba neng ba se yo. A re go utlwisa botlhoko ka bone e le barutabana ba leka bojotlhe go betla bokamoso jwa bana mme bone ba sa tlhoafala.
A re bana ba sekole sa gagwe ba nna mo sekoleng botlhe, ka jalo motho a ka solofela fa ba tlaa ntsha maduo a a nametsang ka ba na le nako e ntsi ya go ithuta jaanong ba dirisa nako ya go ithuta mo go tse di duleng mo tseleng.
Rre Thapedi a re bothata jo bongwe jo botona jo bo mo sekoleng sa gagwe ke boimana jwa bana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Moeng
Event : Kabo Dimpho
Date : 15 Oct 2015






