World Group of Companies e eme metshameko nokeng
15 Oct 2015
Setlhopha sa dikhamphani tse di itsegeng ka leina la World Group of Companies se abetse sekolo se sebotlana sa Letsholathebe dibolo tsa kgwele ya dinao le tsa bolotloa e le tsela nngwe ya go rotloetsa metshameko mo baneng ba sa le babotlana.
Go ya ka mogolwane wa Interprop, Rre Thari Nkwe, Batswana bangwe ba akaretsa motabogi, Rre Nijel Amos, a itshetsa ka metshameko. A re ka jalo go botlhokwa gore metshameko e engwe nokeng ka ditsela tsotlhe.
Rre Nkwe le dikhamphani tsa gagwe ba abetse sekolo seo dibolo di le lesome le bone mme e bile ba itlamile go abela dikolo tsotlhe tse dibotlana mo kgaolong ya bokone botlhaba.
Rre Nkwe o tlhalositse fa e se bana botlhe ba ba leng ditlhaloganyo di bogale, a tlatsa ka gore bangwe ba kgona metshameko ka jalo ba tshwanetse go ojwa ba sale metsi gore ba tle ba kgone go inwa moro fela jaaka Rre Amos.
O tsweletse ka gore metshameko fela jaaka dithutego tse dingwe, e botlhokwa mme e bile e tshwanetse go tsewa tsia, bana ba rotloediwe ka ditsela tsotlhe a akaretsa dithuso di tshwana tsone tsa go ba abela dibolo.
A re ba tla leka fa ba kgonang teng go thusa puso go ema nokeng metshameko mo lefatsheng le. Rre Nkwe o tladitse ka gore ga se ba bokone botlhaba fela ba tla akolang dithuso tseo, mme ba tla tsamaya lefatshe ka bophara ba abela dikolo tsotlhe tse dipotlana dibolo.
E rile a tswa la gagwe, Mme Ludo Machinya go tswa kwa lephateng la banana, metshameko le ngwao o tlhalositse fa metshameko e le konokono mo itsholelong ya Botswana.
A re Batswana ba tshwanetse go tsaya metshameko ka tlhwaafalo ka e ka tlisa pharologanyo mo matshelong a bone, a tlatsa ka gore bangwe ba e dirisa go itshetsa ga mmogo le gone go tlhokomela ba malwapa a bone.
O ne a leboga seabe sa World Group of Companies, ka ba thusa go tlhabolola metshameko mo Botswana. Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Letsholathebe, Mme Binkie Majoko o ne a tletse ka monyenyo go bo dikeledi tsa bone di phimotswe. Go ya ka Mme Majoko, dibolo tseo di tla thusa le mo mantlwaneng a borutelo segolo jang mo dithutong di tshwana tsa Creative and Performing Arts (CAPA) e seng kwa mabaleng fela.
A re dithuto tseo di ruta ka mefuta ya metshameko ka jalo bana ba tla supegediwa ba bo ba tlhalosediwa ka botlalo, ba bone le ka matlho gore fa gotwe dibolo go a bo go buiwa ka eng le ka fa di tshamekiwang ka teng ka go farologana ga tsone. A re bontsi jwa bana ba a bo ba le mo lefifing ka ba bala fela mo dibukeng, ba bona le ditshwantsho fela ka jalo ba tla nna le lesedinyana la se go a bong go buiwa ka sone.
A re dibolo tseo di tla thusa gape go ntsha bana bodutu ga mmogo le gone go ba kgapha mo mebileng.
O tladitse ka gore bana ba tla kgona le gone go anywa botsipa jo bo tseneletseng ka metshameko le ka fa e tshamekiwang ka teng.
A re le ntswa sekolo sa gagwe se ne se dira bontle mo dikgaisanong tse dingwe tsa metshameko ntle le dikgwetlho di tshwana tsa tlhaelo ya didirisiwa jaaka tsone dibolo, jaanong o dumela fa ba tla gaisa le go feta.
Mme Majoko a re ba ntse ba sa kgone go ikatisa fa go tsena nako ya metshameko mme ka jalo o solofela fa ikatiso e tla nna e e mashetla. A re o eletsa go bona folaga ya lefatshe le e le kwa mankalankaleng fa go tla mo go tsa metshameko.
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana , Rre Joseph Pelaelo o rotloeditse a bo a kopa bana le barutabana ba sekolo seo go dirisa dibolo tseo ka kelelelo, ba di tlhokomele e bile ba di dirise jaaka ba laetswe go nale go kgabisa ka tsone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : Letsholathebe
Event : Kabo Dimpho
Date : 15 Oct 2015






