Breaking News

Puso e itlamile go direla setshaba - Mathumo

15 Oct 2015

Molaodi wa Bokone Botlhaba, Rre Rapetse Mathumo, o itsisitse banni ba Jackalasi 1 fa puso e itlamile go dira ka natla go bona gore matshelo a Batswana a a tokafala.

Rre Mathumo, yo o neng a buisa phuthego ya kgotla bosheng, a re puso e ipeile pele dintlha tse tlhano tse e tlaa di emelang ka dinao go tlhomamisa go re di a diragala.

Dintlha tseo di akaretsa go tlhama ditiro, go emisa kanamo ya mogare wa HIV go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng, go tokafatsa mhama wa thuto, go nyeletsa lehuma ga mmogo le go nyeletsa tshenyetso setshaba.

Le fa go le jalo, Rre Mathumo o ne a supa fa tse tsotlhe puso e ka seke e di kgone e le esi, ka jalo a tlhalosa fa go le botlhokwa gore banaleseabe ga mmogo le batho ka bongwe ka bongwe ba ikitee ka thupana go bona gore ga go sepe sa dilo tse se se felelang mo phefong.

Mo ntlheng e sele, molaodi o ne a itsese banni fa puso e simolodisitse difom tse ka tsone go tlaa kalwang boleng jwa ditirelo tse di fiwang ke badirelapuso.

O ne a gwetlha batsena-phuthego go tlhomamisa gore ba tlatsa difomo tseo ka dinako tsotlhe fa ba sena go amogela dithuso le ditirelo go tswa mo babereking ba puso.

Se, a re ke tsela nngwe ya go kaela puso ka boleng jwa ditirelo ga mmogo le go thusa go tlhola gore a badirelapuso ba tsaa bao ba ba tlhokang thuso ya diofisi tsa bone ka setho se se eletsegang.

Fa bam o kgwa dikgaba banni ba ne ba nesetsa pula maitlamo a a puso, mme le fa go le jalo ba supa matshwenyego ka tse di farologanyeng tse di ba amang mo motseng wa bone.

Mme Regina Ndlovu o ne a supa thobaelo ka difomo tsa go tlhola boleng jwa ditirelo, a bolela fa a nale poifo ya gore badirelapuso ba ka nna bas eke ba di gorose kwa di tshwanetseng go ya teng fa ba dumela gore ga di ba bue bontle.

Mme Ndlovu o ne a boa a ngongorega ka tiego ya mananeo a nyeletso lehuma, a bolela fa mo motseng oo ba leta nako e telele pele ba ka thusiwa.

Tiego e, a re e setse e ba kgoba marapo e bo e ba apesa boitlhobogo jo bo seng kana ka sepe. Mme Sephiwe Mguni ene o ne a lela ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa metsi.

A re seemo se se ngomola pelo segolo jang ka ba tshelela mo lenyoreng le le gakgamatsang, mme e bile le fa ba kopa tlhaloso kwa go ba komopone ya Water Utilities bas a fiwe karabo e e tlhapileng ya gore ditlhwatlhwa di tsholediwa ke eng mme metsi one a seyo.

Fa a ama ntlha e sele, Mme Mguni o ne a tlhalosa fa bone e le banni ba Jackalas 1 ba sale ba kopile gore tautona a ba etele mme seo se ise se diragale.

O ne a ikuela mo go molaodi go ba tlhalosetsa se ba tshwanelwang ke go se dira gore kopo eo ya bone e tle e sekegelwe tsebe.

Sebui se sengwe Mme Vivian Thembe o ne a iteela moroko kgang ya keletso ya bone ya go etelwa ke tautona.

O ne a gape a gatelela kgang ya letlhoko la metsi, a re le fa gone ba ikuetse kwa go ba Water Utilities makgetho a le mmalwa ga gona phetogo epe e e nnang teng.

Mme Thembe o ne a supa fa ba setse jaanong ba dirisa metsi a letamo le ba nosang leruo kwa go lone; selo se a kaileng fa se ba baa mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse ga mmogo le gone go ka tlhagelwa ke dikotsi tsa go nwela mo metsing.

Kwa bokhutlong Rre Mathumo o ne a ba tlhomamisetsa fa dilelo tsa bone tsotlhe di tlaa emelwa ka dinao mme di rarabololwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : Jackalas 1

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Oct 2015