Seemo sa matlakala se bifetse pele
15 Oct 2015
Banni ba Kopong kwa Kweneng ba lela ka seemo sa matlakala se se bifetseng pele kwa motseng wa bone.
Mo potsolotsong, mogolwane mo lephateng la tshomarelo tikologo Mme Sibi Bob o supile fa ba tshwentswe ke seemo sa matlakala segolo bogolo mo masimong a a dikologileng.
Matlakala a, a akaretsa mabotlele, dipampiri le leswe le le lebegang le tswa mo madirelong a matona a a tshwanang le a go rekisediwang dino le dijo le a mangwe. O tsweletse ka go tlhalosa gore go na le dikhamphani dingwe tse di tswang kwa Gaborone di tla di rwele matlakala ka dikoloi tse ditona mme ba fete ba tshololele matlakala mo masimong.
A re go supafetse gore se ga se dikompone fela di dirang jalo le batho ba latlhela matlakala koo.
Mme Bob a re matlakala a, a diphatsa ka a na le ditshipi, metswako e e botlhole, samente le dilo dingwe tse di sa itsagaleng mo teng ka jalo dilo tseo di baya banni ba masimo le leruo la bone mo diphatseng. A re matlakala ao a kgotlela tikologo le metsi a a bonwang mo dinokeng le melatswana e e mo tikologong ya masimo a bone.
O tlhagisitse morafe fa se e le molato o motho a ka o elang kgolegelong dikgwedi tse thataro kana a lefa madi a a kanang ka makgolo a marataro a dipula. Mongwe wa barui ba go tshelwang matlakala mo tlase ga masimo a bone Rre Cassius Molefe o supile fa a sa itumedisiwe ke gore leruo le ja matlakala mme le latlhegelwe ke boleng le go tsenwa ke malwetsi tota.
A re se batho ba ba se dirang ke go paledisa mananeo a puso a tshwana le LIMID le a banana ba ba filweng madi ke ba lephata la banana go tsweledisa dikgwebo tsa temo-thuo ka gore leruo la bone le felela le amiwa ke matlakala ka ditsela tse di farologanyeng mme dipoelo e nne tse di sa nametseng ka nako ya thekiso.
Mme Bob o supile fa bophepa e le konokono mo go gateleng pele ka tebelopele ya lefatshe leno, ka jaana lengwe la matshego a tebelopele le supa fa re tshwanetse go nna tŝhaba e e itekanetseng mo go tsa botsogo.
O supile fa mo nakong e e fetileng motse wa Kopong o ne o itsege ka bophepa mo kgaolong ya Kweneng ka jaana o fentse dikgaisano tsa motse o o phepa makgetho a le mabedi ka tatelano.
A re mme ba tshwenyegile ka maiteko a bone a sa atlega monongwaga ka ba gapile maemo a boraro go tswa ko go a ntlha.
O bile a re lephata la bone le leka gotlhe go rotloetsa morafe go phepafatsa tikologo, mme a re se, e felela e le ditoro fela ka bangwe ba goga dinao fa ba bangwe ba iteka ka ba dumela fa bontle bo itirelwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kagiso Kegolotswe
Location : Kopong
Event : Potsolotso
Date : 15 Oct 2015






