Breaking News

Bobirwa e solofetse ditlhabololo

15 Oct 2015

Kgaolo-potlana ya Bobirwa e solofetse ditlamelo tse dintsi tse di tlaa tsholetsang matshelo a batho morago ga komelelo ya dingwaga di le boferabobedi go sena ditlhabololo tse di dirwang mo kgaolong.

Se se builwe ke ke modulasetilo wa khansele-potlana ya Bobirwa Rre Nathaniel Moribame fa a bula phuthego e mo go yone go neng go rolwa pego ya ditlhabololo tse di tlaa dirwang mo kgaolong.

Mogokaganyi wa tsa itsholelo kwa khanseleng-potlana ya Bobirwa Rre Pelaelo Tsayang a re ba ne ba tlhopha ditlhabololo tse di ka dirwang ba lebile se se diragalang ka nako ya gompieno, boleng le botlhokwa jwa ditlhabololo tse ba di beilweng pele.

Ditlhabololo tse di solofetsweng di akaretsa go tlhabolola ditsela, dikole, dipatela le go aga diofisi tsa temo-thuo magareng ga tse dingwe.

Dikoloi tse ditona tse di akaretsang matipane le tse dinnyenyane le tsone di akareditswe mo lenaneong la ditlhabololo.

Mokhanselara wa kgaolo ya Mabolwe, Semolale, Gobojango Rre Manuel Marole, ga mmogo le Rre Keoagile Ramatlotlo wa Dandane Mabeleng ba akgoletse balomaganyi ba ditlhabololo, ka tiro e ntle mme ba ba kopa gore ditlhabololo tse ba di beilweng pele di diragadiwe ka nnete.

Makhanselara ka bontsi a ne a itumelela le gore go tlaa dirwa ditsela tsa Motlhabaneng/ Mathathane, Lekkerpoet/Plaatjan le ya Tsetsebye/Moletemane ba re ke maiteko a mantle thata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Neo Bogosi

Location : Bobonong

Event : Phuthego

Date : 15 Oct 2015