Jumbo Warehouse e itlama go thusa sekole
15 Oct 2015
Dikhamphani ka bontsi di tsibogela kopo ya ga Tautona ya gore di tsenye letsogo mo go tlhabololeng boleng jwa thuto.
Se se supegile kwa moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng se segolwane sa Lebogang kwa Selebi Phikwe fa khamphani ya Jumbo Warehouse e baya monwana tumalano e mo go yone ba tlaa gogang dingwaga di le tlhano ba ntse ba thusa sekole seo.
Moemedi wa khamphani ya Jumbo Warehouse, Mme Gosaitse Taolo, o tlhalositse fa ba itlamile go thusa bana botlhe ba sekole sa Lebogang ka didirisiwa tsa dipalo le go tsenya ditilo di le masome mabedi le bone le dibalamakgolo di le nne mo dikagong tsa ithutelo kgwebo.
E ntse e le kwa moletlong wa kabo dimpho, Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Molefhi Pilane o ne a lebogela ba Jumbo Warehouse go thusa sekole sa Lebogang.
O ne gape a leboga ba Nashua Botswana go ba sekegela tsebe go rekela sekole seo motshine o o ntsifatsang dipampiri wa P47 000 morago ga gore ba ye go itela kwa go bone gore ba a tlhaelelwa.
O ne a tlhalosa gore ba ne ba tshwara mogwanto wa go kokoanya madi go rekela sekole sa Lebogang motshine oo mme ba kgona go kokoanya P12 000.
A re ka go dira jalo ba Nashua Botswana le Jumbo Warehouse ba tshwanetse go akgolelwa go nna le seabe mo go tsa thuto.
E rile a ama bodiredi le batsadi ka lefoko, molalediwa wa tlotla, Rre Titus Makosha wa khamphani ya Logica DSD a tlhalosa gore mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go bona gore bana ba bona thuto.
Rre Makosha a re thuto ya ngwana e simologa kwa lwapeng, ka jalo batsadi ba tshwanetse le bone ba ipela ka ba na le seabe se setona mo go direng sentle ga bana mo dithutong.
Rre Makosha o ne a tlhalosa fa dikhamphani di ikemetseng di tshwanetse go nna le seabe se se bonalang go thusa lephata la thuto gore maduo a nne botoka, a tlhalosa gore ba Jumbo le Nashua ba thusitse ka nako e e maleba e seemo sa thuto se wetseng tlase.
Rre Makosha o ne a kgotlhatsa bana ba sekole sa Lebogang go tia moko go ithuta thata gore ba kgone go tiisa ba ba itlamileng go ba thusa moko.
O ne a ba rotloetsa go ikgapha mo ditirong tse di maswe jaaka go dirisa ditagi, a ba gakolola gore ba nne ba reetsa barutabana ka nako tsotlhe ka se se ka ba tsisetsa maduo a mantle.
Rre Makosha o tlhalositse fa bana ba sekole ba tshwanetse go tsaya malebela mo baeteledipeleng ba toropo ya Selebi Phikwe gore le bone ba tsoge ba itshela metsi mo ganong ka go se na sepe se se tlang motlhofo se sa berekelwa.
Rre Makosha o ne a ntsha P10 000 go thusa sekole. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Kabo Dimpho
Date : 15 Oct 2015






