Tshenyo ya ditlou e tshwenya makhanselara
14 Oct 2015
Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a supile matshwenyego ka tshenyo e e bakwang ke ditlou mo masimong a balemi ba kgaolo eo.
Mokhanselara wa Moroka, Rre Egbert Tshandu, o ne a kaya fa tshenyo ya ditlou mo masimo e setse jaanong e gomagometsa go kgoba balemi marapo ka ba sa tlhole ba bona maduo a maiteko a bone a go ntsha dijo go itshetsa le ba malwapa a bone.
Rre Tshandu o ne gape a supa fa maiteko a lenaneo la dithuso tsa temo la ISPAAD le one a tlaa seke a tswe dipe mme madi a puso e a ntshetsang lenaneo le o a wetse ka motlhoboloko.
Mokhanselara Smarts Mathonsi wa Tshesebe le ene o ne a supa ngongora ka tshenyo e e bakwang ke ditlou.
O ne a re ka fa ditlou di bonalang ka dipalo tse dintsi ka teng mo kgaolong, matshelo a batho le one jaanong a setse a le mo diphatseng, segolo jang ka ditlou e le diphologolo tse di sa tlwaelesegang mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.
Rre Mathonsi o ne a ikuela mo pusong go sekaseka molao o o iletsang go bolawa ga ditlou; a boa a supa fa go tshwenya go bo go lebega ekete puso e kgathala ka diphologolo go na le matshelo a batho.
Fa a akgela, mokhanselara wa Ramokgwebana Rre Phikisani Makgetho o ne a iteela moroko mafoko a bakaulengwe ba gagwe.
O ne a tswa ka mogopolo wa gore puso e fokotse dipalo tsa ditlou tse di mo lefatsheng leno ka go di rekisetsa mafatshe a mangwe a kwa go one go senang ditlou.
A re se se ka thusa thata go fokotsa mosuke wa ditlou mme gape go fa lefatshe leno sebaka sa go dira letseno ka diphologolo tsa lone. Rre Makgetho a re madi a a ka bonwang ka thekiso eo ya ditlou a ka thusa thata go kgarametsa ditiro tsa ditlhabololo tse mo nakong eno di tsamayang ka bonya ka ntlha ya tlhaelo ya madi.
Mme Peggy Senthufe, yo a leng mokhanselara wa Ditladi ene o ne a supa fa kwa kgaolong ya gagwe ditlou le ditau di apesitse banni kobo ka letshoba.
A re metse ya Patayamatebele le Matopi ke yone e segolo bogolo e amilweng ke seemo se, mme a re le fa gone badiri ba lephata la diphologolo ba bonala kwa metseng eo, ga gona phetogo e e bonalang mo go ateng ga diphologolo tseo.
Mme Senthufe a re se se a tshwenya ka jaana go sa tlhaloganyesege gore tiro ya ba lephata leo ke eng tebang le go fetola seemo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Masunga
Event : Phuthego ya khansele
Date : 14 Oct 2015






