Breaking News

Lesang bana ba tsene sekole

14 Oct 2015

Go tlhoka thotloetso ga batsadi mo thutong ya bana kwa Xai-Xai go ka nna ga ama bokamoso jwa bana.

E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Xai-Xai bosheng, mopalamente wa Ngami, Rre Thato Kwerepe, a supa fa a tshwentswe ke palo ya bana ba ba tlogedisiwang sekole ke batsadi ba bone.

Rre Kwerepe o kaile fa seemo se se ile magoletsa fela thata, e bile ba tlogedisiwa sekole ka mabaka a a farologaneng jaaka go nyadisiwa ba sale ba botlana, go batlelwa mebereko mo motseng, go dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo le tse dingwe.

“Ga ke itumedisiwe ke maduo a bana ba sekole se sebotlana. Le ko Qangwa go lebega kwelo tlase ya maduo e le selo modiro,” Rre Kwerepe a gatelela.

Gangwe le gape, o tlhalositse fa batsadi ba dirisa bana ditiro tse di sa lolamang mme se e nne sekgoreletsi mo thutong ya bone. Mogolwane wa mapodisi Superintendent Phillip Lopang o buile a sa kgwe mathe gore puso e tshwentswe ke dikgang tse di amang kgokgontsho ya bana.

O kaile fa bana mo motseng wa Xai-Xai ba dirisiwa botlhaswa ke borre ba bagolwane mo go tsa tlhakanelo dikobo.

Superintendent Lopang o ile a iteela kobo moroko gore molao o kgathala ka botsogo jwa bana, e bile ope fela yo o sa saleng molao morago, o tlaa lebaganwa ke kgolegelo.

“Tiro ya motsadi mo setshabeng ke go sireletsa ngwana mo diphatseng dingwe le dingwe tse a ka kopanang natso e seng sepe gape,” Superintendent Lopang a latlhela.

Mopalamente Kwerepe o kgothaditse batsadi go tsenya letsogo mo go tsa thuto, mme se se akaretsa go thusa bana tiro ya sekole le go ba fa thotloetso e e rileng, gore ba nne le bokamoso jo bo gaisang. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Segolame Seidisa

Location : Xaixai

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Oct 2015