Breaking News

Dirisang mananeo a ditlhabololo

14 Oct 2015

Modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Peter Williams, o gakolotse setshaba go dirisa mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone. O buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Bobonong bosheng.

 Rre Williams o supile fa puso e dirile mananeo a le mantsi jaaka la banana la Youth Development Fund (YDF), LIMID le nyeletso lehuma a a ka inolang Batswana mo lehumeng.

A re boitseme le lefufa ke mangwe a matshwenyego a a itsang Batswana go tswelela kwa pele.

Rre Williams a re ntswa puso e re ga e na madi ga e kake ya palelwa ke go thusa Batswana.  A re bontsi jwa Batswana ba ikaegile ka puso gore e ba direle sengwe le sengwe a tlatsa ka gore bontsi jwa batswakwa ba dirile dikgwebo tse ditona tse di dirang madi e bile gape di ba tshetsa.

  O tsweletse a tlhalosa fa banana ba tsere mananeo a puso mme bontsi jwa bone ba palelwa ke go tsamaisa dikgwebo e bile gape dingwe tsa dikgwebo tseo di phutlhame.

modulasetilo o gwethile banana go ema  ka dinao go itirela ditiro e seng go ikaega ka Ipelegeng.

 A re e ne ya re bosheng, puso ya supa fa e tlaa fedisa dikgang tsa tlhaelo ya boroko jwa barutabana le dikgang tsa tlhaelo ya metsi ka ponyo ya leitlho.

 Rre Williams o tlhalositse gape fa puso e ikaeletse go baakanya seemo sa ditsela segolo jang tsela ya A1 le go atolosa dikokelo dingwe mo dikgaolong go fokotsa mosuke kwa dipateleng tse dikgolwane.

  O gakolotse baagi go dirisana sentle le makhanselara a tlatsa ka gore tiro ya makhanselara ke go dira ditlhabololo mo dikgaolong le go isa ditirelo tsa puso kwa bathong e seng go rwala dikgong kana dipitsa mo dintshong le go tsenelela merero ya manyalo.

Fa a tswa la gagwe mothusa modulasetilo wa khansele ya Bobirwa Rre Sylvester Masweu o tlhalositse fa puso ya Botswana e dira go le gontsi go thusa batho ba yone.

 A re mo lefatsheng ka bophara ga go lefatshe lepe le le dirang jaaka lefatshe la Botswana a tlatsa ka go supa fa lenaneo le tshwana la LIMID le le botlhokwa thata mo go tlhabololeng matshelo a batho. Rre Masweu o gakolotse baagi go seka ba lebala makhanselara a pele ka ba dirile motheo o o siameng thata e bile o ka solegela dikokomane tse di tlang molemo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : Bobonong

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Oct 2015