Breaking News

Letlhoko la boroko le a tshwenya

14 Oct 2015

Kgosana ya Matsaudi kwa Ngamiland, Rre Boikuelo Ntema, a re o tshwenngwa ke letlhoko la boroko la badirelapuso mo motseng oo.

Fa a bua mo potsolotsong  bosheng, a re letlhoko la boroko le ka isa maduo tlase mo tirong.

A re le felela le tlama badirelapuso bangwe go batla boroko kwa Shorobe le Maun mme a re badiri ba ba nnang kwa ntle ga Matsaudi ba tsena nako e ile ka jaana ba nna kgakala e bile ba diiwa ke dipalamo tsa setshaba ka di tsamaya ka dinako tse di beilweng.

Kgosana Ntema o kaile fa go tla morago ga nako mo tirong go emisa go tswelela ga tiro ka jalo go tlisa maduo a a kwa tlase.

Rre Ntema o tladitse ka gore babereki bangwe ba ba nang le boroko mo Matsaudi ba nna mo matlong a a mo seemong se se sa siamang mme ba nna fela ka go sena ko ba ka bonang boroko teng.

“Gore mmereki a ntshe maduo a a kgotsofatsang mo tirong o tshwanetse a akola ditlamelo tsotlhe tsa bodirelapuso di akaretsa boroko,” ga akgela Kgosana Ntema.

Mo go tse dingwe, o ngongoregile thata ka letlhoko la metsi mo motseng wa gagwe, a kaya fa metsi a na le kgwedi a ntse a seo ka jaana ba sielwa ke ba lephata la metsi go tswa Maun.

O tsweletse ka go supa fa a tshwenngwa ke bogodu jwa leruo mme a kaya fa bangwe ba babelaelwa ba tshwerwe ebile ba le ko dikgolegelong

Kgosana Ntema gape a re o ne a tshwenngwa mo kgweding e e fetileng ke batshwari ba ditlhapi ba ba neng ba sa obamele molao wa go tshwara ditlhapi, mme le gale a re ba baakantse seemo.fa ba tswa maitisong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gofenyaone Gabosenkwe

Location : Matsaudi

Event : Potsolotso

Date : 14 Oct 2015